Banni ba rotloediwa go dirisa Chema Chema
04 Apr 2024
Banni ba Lecheng le Malaka ba rotloeditswe go inaakanya le lenaneo la Chema Chema, le go solofetsweng fa le tlaa tlhongwang semmuso ke Mothusa Tautona, Rre Slumber Tsogwane, kwa Maun gompieno, go tokafatsa matshelo a bone le go tlhama mebereko.
Thotloetso e e ntshitswe ke Moapalamente wa Lerala/Maunatlala ebile e le mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo ya magae, Rre Setlhabelo Modukanele mo diphuthegong tsa kgotla kwa kgaolong ya gagwe ya botlhophi.
O kaile fa maikaelelo a puso e le go ntsha ba ba dikobo dikhutshwane mo lehumeng le go godisa ba dikgwebo tse di pototlana.
Rre Modukanele o tlhalositse fa go le pele, puso e ne e rebotse P200 million go dirisiwa mo lenaneong mme madi a o a okediwa go nna P500 million. O tlhalositse fa ditsetlana tse di tlaa tsamaisang lenaneo di tlaa ntshiwa mo bogaufing.
Rre Modukanele gape o tlhaloseditse banni ka maikaelelo a puso a go tsenyetsa Batswana motlakase ntle le go lopiwa tuelo.
A re go kile ga bo go gokelwa ka madi mme go turela Batswana, ka jalo puso e bone gore e thuse Batswana ka go ba gokelela mahala, selo se se leleditsweng mogolokwane ke banni ba metse eo.
Mothusa tona o buile gape ka ditshekatsheko tse di dirilweng ke lekoko le le neng le romilwe ke Tautona go phutha megopolo mo setshabeng ka tshekatsheko ya molao-motheo, a tlhalosa gore go setse gore Palamente e ye go leba ditshwetso tsa lone.
Rre Modukane o rotloediste gape banni go dirisa dtsatlholego tse di fitlhelwang mo metseng ya bone go dira letseno le le ka tlhabololang metse le go tlhama ditiro ka Tswapong a tletse ditsatlholego tse di ka ngokang bajanala.
Kwa Lecheng, banni ba ngongoregile ka tiego ya ditsha, ba supa fa ba tlaa siiwa ke mananeo ka gore ga ba na mafelo a bonno, masimo le a dikgwebo.
Banni ba amogetse lenaneo la Chema Chema mme ba lela ka boturu jwa go dira lelananeo la kgwebo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : LECHENG
Event : POTSOLOTSO
Date : 04 Apr 2024