Badirelapuso ba phepafatsa kgaolo ya Letlhakeng
04 Apr 2024
Badirelapuso ba kgaolo ya Letlhakeng ba akgoletswe tiro e ntle ya go phapafatsa motse oo. Mothusa kgosi wa Letlhakeng Kgosi Rantsimane Banyatsi o buile se, fa a amogela botlhe ba ba neng ba phepafatsa motse ka go sela matlakala le go rema ditlhare fa tlase ga tsela, ka Labone.
Ka jalo, Kgosi Banyatsi o ne a ba kopa go itlama go dira tiro e, ngwaga la ngwaga le gone go seka seka gore a ba fitlheletse maitlamo a bone.
Modulasetilo wa khansele ya Letlhakeng e bile e le mokhanselara yo o itlhophetsweng Rre Anderson Mathibe, o ne a supa botlhokwa jwa go somarela tikologo. A re baeng ba ka ngokwa ke kgaolo e e phepa, a bo a supa fa ba itemogetse fa kitso ya go tshwara matlakala sentle ele kwa tlase mo kgaolong. Rre Mathibe a re tikologo e e phepa ke boikarabelo jwa mongwe le mongwe, le fa go le jalo, a supa fa khansele e ntshitse madi go itebaganya le go phepafatsa tikologo.
O ne a ntsha matshwenyego ka leruo le le gobeyang mo motseng, le leswafatsa e bile le senyetsa batho le go baka dikotsi tsa tsela. Rre Mothibe o kopile banni go tsaya boikarabelo jwa go phepafatsa tikologo, go na le go nna ba emetse go gakololwa.
Modulasetilo o ne a itlama go ntsha P5 000 le kopi e e tlaa fapaanelwang mo kgaolong ka go phadisanela bophepa.
Mo malebong mokhanselara wa kgaolo ya Letlhakeng South Rre Mothusi Ramogolane, o ne a lebogela tiro eo, a bo a supa fa go le botlhokwa go nna le kitso ka tsa go tshwara matlakala. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : LETLHAKENG
Event : Letsatsi la Phafafatso
Date : 04 Apr 2024