Breaking News

Polao ya ditau e tshwenya batlhokomedi

04 Apr 2024

Ba lephata la Diphologolo le Makgabisa Naga mo kgaolong ya Tsabong ba tshwentswe ke go bolawa ga ditau mo go golelang pele mo kgaolong eo. Mogolwane mo lephateng Mme Thatayaone Menyatso a re ba amogetse ditau di le pedi ka Mosupologo tse di bolailweng ke morui mongwe mo polasing ya gagwe.

A re tiragalo e, ke nngwe ya tse di tsweletseng mo kgaolong, ka jalo a kopa gore barui ba emise go dira jalo mme ba itsese badiri ba lephata go tla go busetsa seemo mo taolong.

 Mogolwane a re ba simolotse go amogela dipego tsa go bolawa kgapetsa-kgapetsa ga dibatana mo kgweding e e fetileng.

O supile fa seemo sa paka ya leuba se na le seabe se se golo mo koketsegong ya metsamao ya ditau go tswa kwa lefelong la tshomarelo diphologolo la Kgalagadi Transfrontier Park (KTP) go ya kwa merakeng e e gaufi le lefelo leo le le dikologileng motse wa Khawa.

 A re barui le bone ba tsweletse ka go ikuela fa dibatana di ba tsenelela, a re mo nakong eno, ba setse ba tshwere ditau di le lesome le borataro tse ba neng ba di busetsa kwa lefelong la tshomarelo diphologolo mo dibekeng tse tharo tse di fetileng.

Dipalo tse di gatisitsweng ke ba lephata leo mo kgaolong ya Tsabong di supa fa barui ba setse ba bolaile ditau di le lesome le lengau le le lengwefela go simologa ka kgwedi ya Hirikgong go fitlha ka ya Moranang monongwaga.

 Mo godimo ga seo, barui le bone ba nnile le matshwenyego ka dibatana tse di bolaileng dikgomo di le lesome le boraro, dipitse di le tlhano le ditonki di le nne mo kgweding tse tharo tse di fetileng. Moitseanape yoo wa diphologolo le makgabisa naga o supa gore ditiragalo tse ga di a tlwaelesega ka paka ya mariga e ise e tsene, selo se ba itseng se diragala thata ka nako eo.

A re se se ka tswa se bakiwa ke leuba le le tlhasetseng. “Re belaela gore se se ka tswa se dirwa ke leuba ka gore ditau di sa bone diphologolo jaaka tlwaelo. Bontsi jwa diphologolo di fudugetse kwa molapong wa Nossop ka kwa bophirima jwa lefelo la tshomarelo diphologolo jaanong ditau fa di sa bone dijo gaufi di tsoma mo merakeng,” Mme Menyatso a tlhalosa jalo.

Mme Menyatso o tlhalositse fa ba tsweletse ka go leka go laola seemo ka go dira gore fa ditau di tshwara kwa merakeng ba di busetse kwa diphologolo di ileng teng go itsa gore di tshwenye barui.

A re ba tshwenngwa thata ke kgotlhang e e leng teng fa gare ga batho le dibatana ka jalo ba gakolola barui go itsese ba lephata la gagwe kgotsa ba ofisi e e gaufi go thusa.

A re ba fokotse go itlhaganelela go di bolaya ka dibatana ke dingwe tsa diphologolo tse di ngokang bajanala mo lefatsheng leno mme di nale seabe se segolo mo go tsholetseng itsholelo ya lefatshe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : TSABONG

Event : POTSOLOTSO

Date : 04 Apr 2024