Mapodisi a mo letsomong la dilalome
03 Apr 2024
Mapodisi a boloditse letsholo la go tshwara dilalome dingwe mabapi le dikgang tsa bogodu jo bo diragetseng ka malatsi a paseka. Mothusa mookamela mapodisi a Maun, Assistant Superintendent Kgakgamatso Koboyatshwene o rurufaditse se mo potsolosong a tlhalosa fa ba begetswe dikgang tsa bogodu tse di diragetseng mo mafelong a a farolganyeng.
A re rre mongwe o begile fa e ne ya re ka Tshipi a ya maitsisong kwa a ileng a nna oura fela, mme e rile go goroga kwa lwapeng ka nako ya botlhano, a fitlhela ntlo ya gagwe e thubilwe e bile go tserwe dithoto tse di lopang P13 000.
Tiragalo eo, e diragetse kwa kgotleng ya Mopako mo Maun fa e nngwe e diragetse kwa kgotleng ya Mabudutsa e mo go yone go utswileng dithoto tse di lopang P6 300.
Assistant Superintendent Koboyatshwene a re mo kgetsing ya Mabudutsa, mong wa ntlo o tlhalositse fa a ne a ile Shorobe mme e ne ya re a bowa ka Tshipi a gakgamadiwa ke go bona lebati le bulegile mme go tserwe dithoto dingwe tsa gagwe.
O boletse gape fa ba le mo patlong ya selalome sengwe se se tlhabileng rre wa dingwaga tse di masome a mabedi le boraro wa kgotla ya Thito ka selo se se bogale mo maragong.
A re motswasetlhabelo o ne a tswa maitisong mme a kopana le borre ba le babedi mo tseleng fa a lebile go goroga kwa gaabo, mme mongwe wa bone a mo tsatsanka ka selo se se bogale a mo tlogela ka dikgobalo tse di masisi.
Ka lesego, o ne a kgona go ikgogela kwa lwapeng ko batsadi ba gagwe ba neng ba mo ragosetsa kwa kokelong ya Letsholathebe mme a sidilega. E ntse e le mo Maun, Assistant Superintendent Koboyatshwene a re ba nnile le kotsi e e masisi e mo go yone koloi e neng ya wela mo borogong jo bosha jwa noka ya Thamalakane makuku ka Tshipi. A re mokgweetsi wa koloi eo, ya modiro wa Nissan o ne a tswa kwa maitisong mme ba belaela fa a ne a latlhegelwa ke taolo ya koloi, ya wela mo nokeng, a tlatsa ka gore mokgweetsi o dule ka bobi jwa segokgo mme o a sidilega kwa kokelong.
Le fa go ntse jalo, o lebogetse banni go bo ba ne ba dirisanya sentle le mapodisi mo ditseleng a supa fa go ne go na le maitiso a mantsi mo motseng mme maitshwaro e ne e le a a eletsegang.
Assistant Superintendent Koboyatshwene o gwetlhile morafe go tswelela ka mowa o montle, a re mmogo ba ka fema borukutlhi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : MAUN
Event : POTSOLOTSO
Date : 03 Apr 2024