Breaking News

Banni ba ka itshetsa ka matlakala - Modulasetilo

03 Apr 2024

Banni ba Serowe le metse e e mabapi ba rotloeditswe go tla ka methale e ka yone ba ka dirisang matlakala aa mo tikologong ya bone go itlhamela ditiro.  Modulasetilo wa komiti ya khansele ya Serowe ya thuto le botsogo, Mokhanselara Gaotilwe Omphile o buile jalo kwa thuto dipuisanong tsa Waste Pitso Management kwa Serowe ka Laboraro.

 O kaile fa matlakala a ka thusa mo letlhokong la ditiro fa batho ba kaa dirisa ka kelelelo, ba a busetsa mo tirisong mme ba tsenye letseno go fetola matshelo a bone.  A re batho bangwe ba itlwaeditse go latlhela matlakala gongwe le gongwe mo go seng ka fa molaong mme matlakala ao a leswafatsa motse. 

Rre Omphile o boletse fa komiti e tshwenyegile thata ka seemo se, a re ke ka moo ba boneng go le maleba go bitsa ba komiti tsa ditlhabololo, dikgosi, makhanselara le maphata aa amegang mo go tsa tikologo go thusanya mo go babaleleng tikologo.

Rre Omphile o kaile fa ofisi e e lebaganeng le tsa matlakala mo khanseleng e na le dikgwetlho di tshwana tlhaelo ya dikoloi tse di tona tse di olelang matlakala.

A re mo nakong e dikoloi di berekang sentle, le fa ntse jalo go nna thata go ka tsena mo malwapeng a mangwe go olela matlakala ka go nna go lotletswe kana go na le dintsa tse di lomang.

O tlhalositse fa go na le matlotla a mantsi a a senang beng, mme batho ba latlhela matlakala mo go one, a tlatsa ka gore nako tse dingwe, tiro e dirwa thata ke ditsela tse di sa tsamaegeng. Mokwaledi wa khansele ya Serowe, Rre Mogorosi Kokoro, o tlhaloseditse batsena puisano gore maikaelelo a bokopano ke go thulanya ditlhogo go tswa ka megopolo e e ka thusang go babalela tikologo ya bone ee setseng e kgotlelesegile.

Rre Kokoro o kaile fa matlakala a na le mosola fela thata faa ka busetswa mo tirisong.

Mongwe wa bagakolodi ka tsa phepafatso a tswa kwa lephateng la tsa tiriso ditsatlholego le matlakala Mme Julia Mangadi o tlhalositse fa kwa lephateng la bone go na le mokgokolosa wa madi a ba thusang batho kgotsa ditlhopha tse di ka dirang ditiro tsa go somarela tikologo.

 O boletse fa madi ao, a thusa go somarela tikologo, ditsatlholego, bojanala, le phetogo ya lewapi, mme a re ba ba tshwanetsweng ke go a kopa ke ba ditlhopha tse di kwadisitsweng semmuso le NGOs.

 Mo dikakgelong, bontsi bo lebogetse dithuto tseo mme ba kopa gore di tswelele di tshwarwe ka morafe o tshwentswe ke matlakala aa latlhelwang gongwe le gongwe. Ba kopile gore melao e gagamadiwe fela thata mo go ba ba tswang mo tseleng.

Rre Moses Mothe, Modulasetilo wa VDC ya Metsimasweu o tlhalositse fa go le botlhokwa gore maloko a dikomiti tsa ditlhabololo a nne le seabe mo go rotloetseng setshaba ka botlhokwa jwa tikologo e e phepa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : SEROWE

Event : Thuto puisanyo

Date : 03 Apr 2024