Breaking News

Tautona Masisi o tlaa ya go itlhobogela

02 Apr 2024

Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o tlaa ya Afrika Borwa go ya go itlhobogela morago ga tiragalo ya kotsi ya bese e e gapileng matshelo a baphuthegi ba kereke ya St Engenas ZCC kwa Molepolole ba le masome mane le botlhano, le mokgweetsi, ba ba neng ba ya Moria ka Labone.

E rile fa a ile go gomotsa ba St Engenas maabane, Tautona Masisi a tlhalosa fa go  le matshwanedi gore a ye Afrika Borwa, morago ga tiragalo e e masisi e, gore le ene a ye go bona kwa setshaba sa gagwe se feletseng teng. A re go ya Afrika Borwa, e tlaa bo gape e le go ya go leboga puso ya koo le bodiredi jo bo netefatsang gore dipatlisiso di tsamaya sentle.

Tautona Masisi a re Afrika Borwa o tshwanetse go lebogwa go menagane ka jaana a supile mowa wa tirisano mmogo magaring ga gagwe le Botswana.

O rotloeditse mafatshe a mabedi a, go tswelela a tshegetsana go le botlhoko le go le monate.

E re go ntse jalo, Tautona Masisi o gakolotse setshaba ka merapelo ya segopotso e e tlaa tshwarelwang mo Gaborone kwa Mmadikolo ka Labone.

Dr Masisi a re merapelo e tlaa tsenwa ke batlotlegi go tswa Afrika Borwa le bogogi jwa kereke ya ZCC go tswa koo jaaka ba tla a bo ba tsisitse kgomotso mo go ba masika, morafe wa Bakwena le Batswana ka kakaretso ga mmogo le phuthego e e mono. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ketshepile More

Location : MOLEPOLOLE

Event : POLELO

Date : 02 Apr 2024