Breaking News

Merapelo ya dintsho tsa kotsi ya bese e simolotse

02 Apr 2024

 Merapelo ya batho ba ba dintsho tsabatho ba ba tlhokafetseng mo kotsing ya bese kwa Mmamatlakala kwa Limpopo, Afrika Borwa e butswe semmuso kwa dikagong tsa kereke ka Mosupologo. 

Merapelo e, e tlhagoletse tsela merapelo epe fela e e ka tshwarwang kwa malwapeng a baswelwa.  Le fa go ntse jalo, botsamaisi jwa kereke ya St Engenas ZCC le bogogi jwa kgaolo ya Kweneng ka fa letlhakoreng la puso ba dumalane gore merapelo ya botlhe e tshwarelwe kwa dikagong tsa kereke. 

Ka jalo, dikereke ka go farologana di filwe tetla ya go tshwara merapelo eo, e e tlaa nnang letsatsi le letsatsi mo maitseboeng fa go santse go letetswe gore direpa di tle mono gae. 

E rile merapelo e simolola ka Mosupologo, lekgotla la baruti (Ministers Fraternal) mo Molepolole le ne le eteletse merapelo eo pele mme baruti go tswa mo dikerekeng tse di farologaneng ba fiwa sebaka sa go gomotsa ka thero le thapelo. 

E ne ya re kwa bofelong baruti ka go farologana ba lalediwa go rapelela Molepolole mo ditiragalong tsotlhe tse di sa iketlang tse di kgoberang ledula la motse. 

Mo godimo ga moo, puso e dirile thulaganyo ya gore go nne le segopotso sa ba ba tlhokafetseng mo kotsing e Botswana ka bophara ka Labone mo maitseboeng. 

Go boletse jalo tona mo lephateng la Merero ya Ofisi ya ga Tautona, Rre Kabo Morwaeng ka Mosupologo kwa phuthegong e e neng e biditswe ke Kgosi Kgari Sechele III wa Bakwena kwa kgotleng kgolo. 

Mo Molepolole segopotso se tlaa tshwarelwa kwa kgotleng kgolo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lindi Morwaeng

Location : Molepolole

Event : PHUTHEGO YA KGOTLA

Date : 02 Apr 2024