Breaking News

Puso e tla itebaganya le ditsha tsa dikereke

02 Apr 2024

Tona wa Ditsha le Metsi Dr Kefentse Mzwinila o tlhalositse fa lephata la gagwe le tlaa itebaganya le go baya ditsha tsa dikereke le dikgwebo mo nakong e e khutshwane. 

Dr Mzwinila o tlhalositse se ka letsatsi la paseka fa a etetse kereke ya Eloyi kwa Tsetsebjwe ka Labotlhano a supa fa puso e ikaelela gore peo ya ditsha tsa dikereke e simololwe. Are lephata la gagwe le setse le le gaufi le go fitlhelela maitlamo a puso a seelo sa 100 000 e le go itebaganya le go fefosa go baya ditsha tsa bonno. Ka jalo, o tlhalositse fa maikaelelo ele gore mo kgweding e e tlang, ba tla bo ba setse ba tshwere seelo se. 

O kopile dikereke go tsenya dikopo tsa ditsha gore ba kgone ba sekasekelwa go bewa ditsha gore ba nne le mafelo a ba rapelelang mo go one gona le go rapelela mo malwapeng. 

A re puso e itemogetse gore go na le dikereke tse di nang le madi a mantsi, ke ka moo, maikaelelo eleng go tshwaragana le dikereke tse go thusa go tlhabolola ditsha gore di nne le metsi, motlakase le tsa kgopo ya metsi a leswe.

A re kereke ke konokono mo go nonotsheng puso ya batho ka batho, a tlhalosa fa di tswa goo-lowe di tsenya letsogo go tlhabolola lefatshe leno. Nngwe ya tse puso e tla di lebelelang gape ke melawana e e tsamaisang dikereke ga mmogo le dituelo tse di lefisiwang dikereke, a re se, se gwetlhilwe ke gore dikereke ga di dire madi kana morokotso ka jalo di ketefalelwa ke go duela diteseletso tsa ditsha. 

Rre Mzwinila a re puso e tlaa sekaseka go bona gore dikereke di seka tsa gobokiwa ka fa tlase ga makgotla a mangwe a a dirang morokotso gore ba seka ba tlamiwa ke molao o o tsamaisang makgotla a go nna jalo bogolo jang tuelo ya diteseletso tsa ditsha. 

Tona o buile se morago ga gore ba kereke ya Eloyi ba ikuele mo go ene ka dikgwetlho tse ba lebaganeng le tsone ele dikereke. 

Fa a tswa la gagwe, moeteledipele wa kereke Archbishop Dr Sekai Jakoba are kereke ya gagwe e itlamile go thusa puso go aga setshaba ka tsela tsotlhe le go rotloetsa thuto ya bana. O ne a gatelela botlhokwa jwa tshwaragano le lorato jaaka fa baebele e supa mo lokwalong la ga John kgaolo ya lesome le boraro. 

A re fa lorato lo le teng ga gona se se ka palelang modimo ka jalo maloko ba beye tshepo ya bone mo modimong ka nako tsotlhe. 

Kereke ya Eloyi e e simolotsweng ke Rre Jakoba Keiphike e na le makalana a feta makgolo a mabedi mo lefatsheng leno le kwa Aferika borwa mme ebile ke kereke e tswang kgakala e tshwaragane le puso mo go tlhabololeng lefatshe le le go sala molao morago. 

Fa a tswa la gagwe motshwarelela bogosi jwa ga Mmangwato Kgosi Serogola Seretse o rotloeditse maloko a Eloyi go tsenelela lebelo le mo go lone go tla bong go ipelelwa botshelo le seabe sa mogaka wa pele ebile ele Tautona wa ntlha wa lefatshe leno Sir Seretse Khama. 

A re lebelo le, le tla bo le tshwerwe kwa motseng wa Serowe mme a kopa gore ba kereke ya Eloyi ba nne le karolo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : TSETSEJWE

Event : PASEKA

Date : 02 Apr 2024