Kereke e tshwanetse go fetola matshelo
02 Apr 2024
Kereke e tshwanetse go tla ka metlhale e mesha ya go oka banana gore ba kgone ba inaakanye le yone go fetola matshelo a bone.
Se, se tlhalositswe ke Mopalamente wa Mmadinare, Rre Molebatsi Molebatsi a supa fa kereke e tswa kgakala e tshwaraganetse tlhabololo ya lefatshe leno le puso, mme a rotloetsa jalo gore nako e tsile ya gore dikereke di tle ka metlhale e e tla kgatlhang banana go tswa mo mebileng.
Re Molebatsi o buile jalo kwa bokopanong jwa maloko a kereke ya Ocean of God Apostolic Church ka Matlhatso kwa Mmadinare kwa maloko a neng a phuthaganetse teng go keteka malatsi a paseka.
Rre Molebatsi a re banana gantsi ba goga dinao go inaakanya le dikereke ka gore dikereke di santse di dira dilo ka metlhale ya bogologolo ka jalo a rotloetsa gore fa go tlhokega gore dikereke di tlhabolole mmino wa tsone go dirisa diletso ba ka dira jalo go kgatlha banana.
O rotloeditse gape gore dikereke di seka tsa salela kwa morago mo tirisong ya maranyane go tlhabolola tsamaiso ya tsone le go ngoka maloko a masha bogolo jang banana.
Rre Molebatsi o gakolotse gore dikereke di seka tsa itebaganya le go rapela fela mme di tshwanetse tsa dira pharologanyo mo matshelong a maloko ka go arologana le bone thuto ka mananeo a puso a a teng gore ba tlhabolole matshelo a bone.
O gateletse gore mananeo a masha jaaka Chema-Chema a tsile go thusa bagwebi ba ba botlana go tlhabolola kgwebo tsa bone mme a rotloetsa gore ba seka ba salela kwa morago.
Le fa go ntse jalo, a re o tshwentswe thata ke go bona dikereke di tsweletse ka go amega mo dikgannyeng tsa tshenyetso setshaba, go tlhatswa madi a bogodu ga mmogo le dikgang tsa borukutlhi. O ba gakolotse gore ba seka ba kgatlhiwa ke go amogela madi fela mme ba tlhotlhomise kwa a tswang teng go itsa gore ba iphitlhele ba amegile mo tshenyetsong setshabeng.
Rre Molebatsi re go santse go fatlha go bona baruti ba dikereke ba gogagogwa fa pele ga makgotla tshekelo go sekela melato ya go dirisa bana botlhaswa, go betelela le kgokgontsho, a tlatsa ka gore dikgang tse di diga seriti sa kereke.
Fa a tswa la gagwe moeteledipele wa kereke eo, Archbishop Tebogo Nsakwa o gateletse botlhokwa jwa go tlotla baeteledipele ga mmogo le puso, a tlhalosa fa baebele le yone e supa fa go le botlhokwa go ikokobeletsa babusi ka gore ba tlhomilwe ke modimo.
Le fa go ntse jalo, Archbishop Nsakwa a re ele dikereke ba na le kgwetlho ya go tlhoka lefelo le ba rapelelang kwa go lone ka jalo ba rapelela mo malapeng, mme se, se dire modumo o o kgoreletsang baagisanyi.
Mokhanselara wa pele wa kgaolo ya Mmadinare, Rre Sylvester Masweu a re kereke e tshwanetse go bona gore maloko a yone a tshela jang kwa malwapeng gore e ba tswe thuso fa go tlhokega. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : MMADINARE
Event : PASEKA
Date : 02 Apr 2024