Makhanselara ba gakolola puso go dibela dipeo tsa Setswana
02 Apr 2024
Go dibela dipeo tsa Setswana gore di seka tsa nyelela go botlhokwa ka go thusa gore Batswana ba nne le ditso tse ba tumileng ka tsone.
Mo tshutisong ya gagwe kwa khanseleng ya Gaborone bosheng, Mokhanselara yo o itlhophetsweng Rre Lotty Manyapetsa a re ga a eletse gore dipeo tsa sesha tse di bidiwang hybrid seeds, di ka dirisiwa boemong jwa peo ya Setswana.
Ka jalo a re go nyelela ga peo e tshwana le ya magapu le dijwalo tse dingwe ga go jese diwelang. “Dipeo tsa Setswana di a nyelela ebile re setse re ja maungo a a senang peo ka jalo se se a tshwenya,” a tlhalosa. Fa a mo kgwa kgaba, Mokhanselara Rre Tshenolo Palai le ene o kaile fa a tshwenyegile, e bile are go molemo gore Batswana ba itirele dijo ka dipeo tse di saleng di nna teng go tswa goo lowe. Rre Manyapetsa o ne gape a baya pele khansele tshutiso e nngwe a kopa gore dikago tsa puso di batlelwe batho ba ba ikemetseng ka nosi go di tlhokomela ka go di shafatsa.
O kaile fa puso e na le batho ba ba ikemetseng ka nosi, ba ka kgona go tlhokomela dikago tseo sentle.
Mokhanselara yo o itlhophetsweng Rre Thapelo Sejoe o tlhalositse fa mogopolo o ka thusa go sireletsa boleng jwa dikago. Mo ditshutisong tse dingwe, makhanselara a kopile puso go gagamaletsa borre kgotsa bomme ba ba tlhakanelang dikobo le bana gore ba atlholwe ka go dirisa maranyane a a dirang gore ba seka ba nna le keletso ya tlhakanelo dikobo. Ba kopile gape gore puso e gagamatse molao go itsa Batswana go rekisetsa batswakwa lefatshe mme ba le adimiwe fela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BAKANG WREN
Location : GABORONE
Event : Full council meeting
Date : 02 Apr 2024