Breaking News

Puso e tlaa thusa ba ba tlhokafaletsweng

01 Apr 2024

Puso e tlaa tsaya maikarabelo a go tshegetsa malwapa a a amegileng mo kotsing ya bese e e diragaletseng kwa Limpopo kwa Afrika Borwa ka Labone, e mo go yone batho ba le masome mane le botlhano ba latlhegetsweng ke matshelo.

Se se builwe ke molaodi wa Kweneng, Mme Tebogo Bagopi fa a ne a afa tekodiso go tswa ka fa letlhakoreng la puso, mme a e rolela botsamaisi jwa kereke ya St. Engenas mo bokopanong jo bo neng bo tshwaretswe kwa kerekeng eo kwa Molepolole ka Tshipi.

“Puso e ititeile sehuba gore e tlaa tshegetsa kereke ka gotlhe mo e ka go kgonang,” Molaodi Bagopi a tlhalosa.

A re mo nakong eno, puso e ntshitse lekoko la bodiredi jwa boipelogo go lekola seemo mo malwapeng a a amegileng.

Mme Bagopi o supile gape fa puso e tlaa ntsha ditlhatleo mo malwapeng otlhe a a amegileng le go thusa ka diphutho mo malapeng a a sa kgoneng go reka dikesi ka mabaka a a farologaneng, e ka tswa e le a itsholelo kgotsa ba ba latlhegetsweng ke botshelo ba ne ba se na dithulaganyo tsa go iphitlha.

Mogolwane wa bodiredi jwa boipelogo kwa Molepolole, Mme Chandapiwa Mpolokang o tlhalositse gore mo sebakeng seno, bodiredi jwa boipelego bo etela malwapa otlhe a a amilweng ke seru, go sekaseka seemo, go ba tshegetsa le go ba sidila maikutlo. 

A re mo nakong eno, ba setse ba etetse malwapa a le lesome le boferabobedi mme mo palong e, a  fera bongwe a supile fa a le kwa tlase ka itsholelo e bile a tlaa tlhoka thuso.

Seru se se wetseng kereke ya St. Engenas, go supiwa fa e le seru se se wetseng lefatshe leno lotlhe e bile se garotse setshaba dipelo, ke ka moo go tlhokafalang tshwaragano le popagano ka nako e e thata e. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Lindi Morwaeng

Location : Molepolole

Event : Phuthego

Date : 01 Apr 2024