Kgosi Kgari III o begela morafe matlhotlhapelo
01 Apr 2024
Kgosi Kgari Sechele III wa Bakwena o letse a begetse morafe ka kotsi ya bese e e gapileng matshelo a batho ba le masome mane le botlhano kwa Limpopo, Afrika Borwa ka Labone.
Maloko a kereke ya ZCC St. Engenas ya Molepolole a nnile le kotsi fa ba ya phuthegong kwa Moria.
Mo kotsing e, gone ga falola mosetsanyana wa dingwaga tse di robang bobedi a le esi.
Kgosi Kgari III a re o ne a bitsa phuthego ya tshoganetso gore morafe o rolelwe pego ka botlalo mabapi le seru se le gore go tshwarwe merapelo go gomotsa ba ba latlhegetsweng.
O ne a kopa morafe go tshwaraganela tiro le merapelo ga mmogo le go ntsha dikgakololo go thusa boeteledipele le malwapa a a mo seemong se se ngomolang pelo se.
A re leru le le ntsho le wetse lefatshe leno lotlhe mme e bile ba simolotse go amogela melaetsa ya kgomotso go tswa ’khutlong tse nne tsa lefatshe.
Kgosi Kgari III o ne a tshepisa morafe gore ka Modimo o sa je nkabo, e tlaa re motlha mongwe morafe wa gagwe o kokoanele go itumelela sengwe e seng matlhotlhapelo.
O ne a kopa morafe go itshegetsa ka Modimo mo nakong e e thata e.
Baemedi ba St. Engenas ba ne ba begela phuthego ka leeto la phuthego go simolola ka Laboraro go tswa mo Molepolole go ya kwa Moria.
Mokwaledi wa kereke, Rre Phillip Sebifo, a re batho ba ba neng ba le mo mosepeleng go ya pasekeng kwa Aferika Borwa ba ne ba le lekgolo le bobedi.
A re go ne ga emelela bese, khombi le mebotorokara e le mebedi.
Bontsi bo ne jwa lala kwa molelwaneng wa Pasolt/Makwate gore ba kgone go tlola ka pela mo mosong wa Labone fa go bulwa.
Rre Sebifo a re ka go tlhoka lesego, bese e ne ya nna le kotsi gaufi le Mokopane kwa Afrika Borwa.
Moruti Banneetse Keakile, yo le ene a tswang mo kerekeng e, o ne a tlhalosa gore morago ga tiragalo e, ba ne ba tseelwa fa thoko ke bogogi jwa kereke mme ga tsewa tshwetso ya gore ba ye go bona kwa tiragalo e diragaletseng teng.
A re se se ba tlhatswitseng pelo ke gore e ne ya re ba tsena kwa lefelong la tiragalo ba fitlhela dingaka, mapodisi, bagolwane ba puso ya Afrika Borwa le moemedi wa Botswana kwa lefatsheng leo, Mme Sanji Monageng.
A re ga ba na pelaelo gore puso ya Afrika Borwa le ya Botswana di tlaa dira gotlhe mo go kgonagalang go thusa malwapa a a amegileng ga mmogo le yone kereke.
Baemedi ba kereke ba ne ba lebogela Kgosi Kgari III, puso ya lefatshe leno le setshaba ka kakaretso ka kemonokeng le lerato le ba le supileng mo kerekeng ya bone.
Mopalamente wa Molepolole Bokone, Rre Oabile Regoeng ene o ne a lebogela morafe go tshologela pitso ya ga kgosi ka makatanamane.
A re go lemosega fa dikgotla di le mmalwa tsa Molepolole di amilwe ke tiragalo e ka jaana batho ba ba latlhegetsweng ke botshelo ba sikana le batho ba dikgotla tse ka go farologana.
Godimo ga moo Mopalamente Regoeng o kopile morafe wa Bakwena go leba kwa morago, ba ipatle ba ipatlisise le gone go ipotsa gore fa ditiragalo tse di seng monate di tlhomagana mo motseng wa bone, matsapa di a tsaya kae.
O ba kgothaditse gore ba lebe kwa Modimong go ba kaela tsela e e molemo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Lindi Morwaeng
Location : Molepolole
Event : Phuthego
Date : 01 Apr 2024