Moatlhodi o ba kopa go rapedisa dihawa
01 Apr 2024
Mothusa motsamaisa dipuisanyo tsa Palamente, Rre Pono Moatlhodi o kopile maloko a Cornelius Apostolic Church go rapelela lefatshe, babusi le go rapedisa masula otlhe a a tshwenyang mono gae.
Rre Moatlhodi o ne a bua kwa bokopanong jwa malatsi a Paseka kwa maloko a kereke a neng a kopanetse teng kwa Palapye.
A re puso e tswa kgakala e atla seabe sa dikereke, ke ka moo a leng magareng ga bone, go rapela le bone.
Rre Moatlhodi a re Labotlhano yo o molemo o fa baphuthegi sebaka sa go kopana, ba gopola ka fa Jeso a intshitseng setlhabelo gore ‘re bolokwe’.
A re maitlamo a Botswana a ikaegile ka puso ya batho ka batho, ditlhabologo, mowa wa boipelego, tshwaragano le Botho mme a re ba amanye dilo tse le tse di mo Baebeleng jaaka kagiso, tshwaragano le ledula.
O kgothaditse kereke gore e tshwanetse ba nna sekao mo boitshwarong, boikgapho le go bopa bokamoso jo bo phatshimang.
Rre Moatlhodi a re lefatshe le lebanwe ke dikgwetlho jaaka kgokgontsho, dipolao, tiriso botlhaswa ya dino-tagi mme a kopa kereke go rapedisa masula a.
O ne gape a supa fa lefatshe leno le a a mabapi a itemogela phetogo ya loapi e e bakang dipula tse di boutsana, seemo se se bakang leuba mme a kopa kereke gore mo malatsing a Paseka, ba rapelele pula ka mashetla ka gore Modimo ka esi o ka bula Magodimo pula ya na.
Rre Moatlhodi a re lenaneo la Reset Agenda le ka kgonega fela fa Batswana ba ka fetola dikakanyo, megopolo le Boitshwaro, le dikereke di le mo teng, di dira jalo ka thuso ya Modimo.
O ba rotloeditse go dirisa malatsi a Paseka go ntshafatsa tumelo ya bone, ba kopa boitshwarelo jwa dibe gammogo le go supa mowa wa kutlwelobotlhoko le Botho mo go ba bangwe.
Archbishop Dr Botshabelo Jakobo yo e leng mosimolodi wa kereke ya Cornelius Apostlic Church, a re kereke e na le maloko lefatshe leno ka bophara le kwa Afrika Borwa gammogo le Zimbabwe.
Archbishop Dr Jakobo a re mo dingwageng tse di lesome le bosupa kereke ya Cornelius e le teng, ba ntse ba tshegeditse taolo, boikobo mo phuthegong.
A re ba thusa puso go ntsha banana mo mekgwatheng, go ba faposa masula a a ba amang.
O supile fa ba na le kgwetlho ya lefelo la kobamelo, a tlhalosa gore lefelo le ba mo go lone ba le rekile mme le lennye thata go amogela maloko a bone ka dinako tsa bokopano.
Archbishop Dr Jakobo a re maikaelelo ke go aga kereke e e bulegileng le go aga lefelo le le nnang bagodi, ba tlhokomelelwa teng ka o lemogile gore bagodi bangwe ga ba tlhokomelwe sentle kwa malwapeng.
A re malatsi a paseka a ba fa sebaka sa go kopana, ba dira dithulaganyo le mananeo a kereke ba le mmogo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : Palapye
Event : Malatsi a paseka
Date : 01 Apr 2024