Modukanele o leboga Orange Botswana Foundation
01 Apr 2024
Orange Botswana e lebogetswe seabe sa yone mo thutong ka e bile e le konokono mo go tlhabololeng motho.
Mothusa Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Setlhabelo Modukanele o lebogile jalo kwa tshimolodisong le go rolwa ga lenaneo la Orange Digital school project kwa Matlhakola ka Laboraro.
Ba Orange Botswana foundation ba abetse sekole se sebotlana sa Matlhakola ditsompelo tsa boranyane tse di berekang le dikhomputara go nonotsha thuto, ka jalo Rre Modukanele o ne a leboga ba lebogela go bo ga sa ipona tsapa mo tirong e kgolo ya go tshwaragana le puso mo go godiseng le go rotloetsa tiriso ya maranyane mo dikoleng tse dipotlana.
A re tirisanyo mmogo ya puso le Orange Botswana mo dingwageng tse tlhano mo dikoleng tse dipotlana tsa lefatshe leno di akaretsa Ratholo le Majwaneng e tsweletse.
Rre Modukanele o ne a leboga Tautona Dr Mokgweetsi Masisi ka ponelopele ya gagwe ya tlhomo-ntsha, bogolo jang thotoetso ya tiriso ya maranyane ka Digitalisation mo tsamisong ya ditiro tse dintsi tsa sethaba di akaretsa tsa thuto le botsogo.
“Se se re file sebaka sa go tokafatsa ka fa re ntseng re dira dilo ka teng. Ke yone A Re Chencheng,” ga bua Modukanele.
Rre Modukanele a re sekole sa Matlhakola se tsweletse pele ka maduo a mantle a ditlhatlhobo tsa lekwalo la bosupa a 71.9 per cent ka 2022 le 80 per cent ka 2023.
A re ga go thona go dumela gore mo ditlhatlhobong tsa ngwaga ono wa 2024 go tlaa nna le tokafalo ya maduo ka ntlha ya thotlhoetso ya Orange Botswana foundation.
O tlhalositse fa puso e itlamile go tlhabolola thuto ya lefatshe leno, ke ka moo e tsweletseng ka go dirisanya le ba-na-le seabe mo letsholong le la go tlhabolola dikitso le go godisa thuto.
Rre Modukanele a re lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae le tsweletse ka go godisa thuto kwa moding ka go tsisa didirisiwa tse di tlhokafalang go dira gore seemo sa go ruta le go rutwa e nne se se nametsang ka nako tsotlhe.
Mothusa Tona o rotloeditse batsadi go tswelela ba nna le seabe se segolo mo thutong ya bana gore dithuso tse di nne le maduo.
Business to business (SME) sales manager kwa Orange Botswana, Mme Agatha Ellwooda a re letsholo la bone la go thusa dikole tse di potlana ka maranyane le tsweletse fa e sale ba simolola ka 2018.
Mme Ellwood a re maikaelelo ke go thusa bana ka maranyane go tokafatsa maduo a thuto ka tshwaragano ya bone le puso.
A re go botlhokwa go neela bana kitso ya tsa maranyane ba le mo dingwageng tse di kwa tlase gore ba tsee karolo mo diphetogong tsa segompieno tsa boranyane.
Mme Ellwood a re maitlamo a bone e le ba Orange Botswana foundation ke go busetsa mo setshabeng e le tsela nngwe ya go aga botsalano le go tlhabolola matshelo a Batswana.
A re digital school kit e, e tlaa thusa baithuti le barutabana go dira tiro ya sekole motlhofo le go dira gore ntlo ya borutelo e nne lefelo le le botoka.
Mogolwane go tswa kwa lephateng la thuto Rre Joshua Gareanna o ne a re tiriso ya maranyane mo dikoleng e lemogilwe e le botlhokwa mo go buisanyeng, go dira go tshegetsa le go nna le dikitso ka go farologana.
A re dithuto go dirisiwa maranyane di tlaa thusa gape go fokotsa tiro ya morutabana go dirisa chalkboard. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : Matlhakola
Event : Tholo semmuso
Date : 01 Apr 2024