Letsholathebe o rera kagiso le lorato
01 Apr 2024
Maloko a Head Mountain Of God Apostolic Church in Zion kwa Jackalas No. 2 ba gakolotswe go rotloetsa le go eteletsa kwa pele mowa wa kagiso le lerato ka e le konokono mo tumelong.
Tona wa lephata la Thuto le Tlhabololo Dikitso, Dr Douglas Letsholathebe o buile jalo a bula semmuso mokete wa kereke eo, wa malatsi a Papolo ya Morena kwa Jackalas No. 2 kwa Bokone Botlhaba, ka Labotlhano.
A re kagiso le lerato di ka ba thusa gore ba bopagane ba tswelele pele ba bo ba kgone go aga setshaba.
Mokete oo, o o neng o tshwerwe ka fa tlase ga setlhogo se se reng Renew, Reconnect and Rejoice, o ne o phuthile diphuthego tsa Head Mountain Of God Apostolic Church in Zion go ralala lefatshe leno le Afrika Borwa, Namibia Zambia le Zimbabwe.
Dr Letsholathebe o ne a ba gwetlha go nna boikobo mo mongweng le mongwe, ka e le sengwe se se ka ba atametsang kwa Modimong, a tlatsa ka go re badumedi ba tshwanetse go bonwa ba kgaratlhela go sokolola setshaba.
A re go dira jalo ke go aga lefatshe le setshaba.
A re o dumela gore lorato le kagiso tse di renang magareng ga maloko a kereke eo, ke tsone pheko e e dirang gore kereke ya Head Mountain Of God Apostolic Church in Zion e bo e itshetletse, e sa tshabelelwe ke go thubega.
Ka jalo, tona o ne a ba gwetlha go tswelela ba dira bomolemo le go direla dilo mo pontsheng, a re go dira jalo go supa boikarabelo.
Go sale foo, Dr Letsholathebe o kopile maloko a kereke eo go tiisa mo thapelong, a ba gwetlha go rapelela boeteledipele jwa kereke le jwa lefatshe go tia.
O ne a ba kopa go akaretsa baithuti ba dikole tsa lefatshe leno mo dithapelong, a kaya fa bangwe maitshwaro a b one a setse a tsaya phekelo e sele ya go tsogologela barutabana le baithuti ka bone, mme e bile ba inaakanya le dilo tsa bo-tswa tseleng.
Dr Letsholathebe a re o na le tshepo le tumelo ya gore thapelo e ka rarabolola dikgwetlho tse mafatshe a iphitlhelang a lebagane le tsone.
Fa a itebaganya le setlhogo sa letsatsi, Dr Letsholathebe o tlhalositse fa se tsamaelana le maitlamo a puso a Reset Agenda le a go fetola ka fa go ntseng go dirwa dilo ka teng.
A re go supagala fa kereke eo e tsamaelana le se puso e se dirang.
Mapabi le malatsi a Paseka, o ne a supa fa Bakeresete ba tshwanetse go a itumelela ka jaana e le go ipelela ka fa Morena Jeso a neng a ba swela ka teng.
Fa a tlhalosa ka ditso tsa Head Mountain Of God Apostolic Church in Zion, motshwarelela mokwaledi mogolo wa kereke eo, Rre Keorapetse Mafa o boletse fa e simolodisitswe le go kwadisiwa semmuso kwa Afrika Borwa ka 1939 ke moswi Moruti Smart Mthembu.
Mo nakong eno, kereke e, e ka fa tlase ga ketelelopele ya ga Arch Bishop Norman Muzonda mme e na le diphuthego di le 208 go tswa mo mafatsheng a Afrika Borwa, Botswana, Namibia, Zambia le Zimbabwe.
Rre Mafa o supile fa Head Mountain Of God Apostolic Church in Zion e ne ya kwadisiwa semmuso mono ka 1974, a tlatsa ka go re kereke ya bone e itamile go sala morago melawana ya lefatshe leno.
A re seo se rurifadiwa ke go bo e ne ya seka ya oshaosha mme ya diragatsa taelo ya bosheng ya go ikwadisiwa sesha ga mekgatlho, a supa gape fa e na le seabe mo go fetoleng le go aga tshaba ya lefatshe leno.
Rre Mafa o tsweletse a tlhalosa fa kereke ya bone e tlotla bobe go direla dilo mo pontsheng, a supa fa e na le maphata le dikomiti ka go farologana tse di itebagantseng le ditiro tsa kereke, tse di netefatsang kgolo ya yone.
Mo mafokong a gagwe a tebogo, Arch Bishop Muzonda o boletse fa keletso e le go tshwaragana le puso go aga setshaba, ka ba dumela e le ba-tsaya karolo ba ba botlhokwa mo go ageng tshaba e e nang le boitshwaro jo bo eletsegang.
Mo godimo ga moo, Arch Bishop Muzonda a re ba eletsa go ipona ba na le seabe mo go kgonegeng gs maitlamo a tebelopele ya lefatshe leno a 2036, a tlatsa ka go re Head Mountain Of God Apostolic Church in Zion gongwe le gongwe fa e leng teng, e rotloetsa kagiso, tekatekanyo le tshiamelo ya botlhe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : Jackalas No. 2
Event :
Date : 01 Apr 2024