Tautona o gomotsa setshaba
01 Apr 2024
Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o ntshitse molaetsa wa matshediso le kgomotso, a o rolela ba malwapa le masika a maloko a kereke ya St Engenas ZCC ya lekalana la Molepolole, ba ba tlhokafetseng ka Labone morago ga kotsi ya bese.
Mo kotsing e e masisi eo, Tautona o tlhalositse fa batho ba ba tlhokafetseng ba tshwara palo ya masome a le mane le botlhano, fa ngwana yo o dingwaga di ferang bobedi a kgonne go falola, ka jalo a le mo diatleng tsa ba bongaka gone kwa Afrika Borwa.
Tautona o rurifaditse fa botlhe e le Batswana ba ba neng ba le mo loetong go ya kwa Moria go ya go ipelela malatsi a Paseka.
“Ke kopa setshaba ka kakaretso gore re tshwaraganele go rapela le go ema ba malwapa a a tlhokafaletsweng nokeng.
Dintsho tse, ke tatlhegelo e tona mo setshabeng, e bile ga go bonolo go fodisa matsadi a.”
Dipego di supa fa mokgweetsi wa bese a ne a latlhegelwa ke taolo mme a thula ditshipi tse di ageletseng borogo, ka jalo bese ya wela kwa tlase mme ya kapa molelo.
Kotsi e, e diragetse kwa Mmamatlakala mo kgaolong ya Limpopo kwa Afrika Borwa. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kamogelo Matlala
Location : Molepolole
Event : MOLAETSA WA MATSHIDISO
Date : 01 Apr 2024