Puso e itlama go tshegetsa malapa a a amegileng mo kotsing ya bese
31 Mar 2024
Puso e tlaa tshegetsa malapa a a amegileng mo kotsing ya bese e e diragaletseng kwa Limpopo, South Africa ka Labone. Batho ba le masome mane le botlhano ba tlhokafetse mo kotsing eo, mme mosetsana wa dingwaga di ferabobedi o falotse ka dikgobalo. Fa a bua mo bokopanong jo bo neng bo tshwaretswe kwa kerekeng ya St. Engenas mo Molepolole ka Tshipi,molaodi wa kgaolo ya Kweneng Mme Tebogo Bagopi o ne a re “puso e ikiteile sehuba gore e tlaa tshegetsa kereke ka gotlhe mo ba ka go kgonangâ€. A re mo nakong eno, puso e ntshitse lekoko la bodiredi jwa boipelogo go lekola seemo mo malapeng a a amegileng. Ka jalo, Molaodi Bagopi a re puso e tlaa ntsha dithuso di akaretsa ditee mo malapeng otlhe a a amegileng. Godimo ga moo, puso e tlaa ntsha diphutho mo malapeng a a sa kgoneng go reka dikesi. Le fa go ntse jalo, mogolwane wa bodiredi jwa boipelogo mo Molepolole, Mme Chandapiwa Mpolokang o tlhalositse go re bodiredi jwa boipelego bo etela malapa otlhe a a amegileng go sekaseka seemo, go ba tshegetsa le go ba sidila maikutlo. A re mo nakong eno ba setse ba etetse malapa a le lesome le boferabobedi mme mo palong e, go supafetse fa a le boferabongwe a tlaa tlhoka thuso. Seru se se wetseng kereke ya St. Engena se garotse setshaba dipelo ke ka moo go tlhokafalang tshwaragano le popagano ka nako e thata e. BokhutloSource : BOPA
Author : Lindi Morwaeng
Location : Molepolole
Event : Phuthego
Date : 31 Mar 2024
Related News
29 Apr 2025
Tona o akgola BAGS
29 Apr 2025
Ngwana o thudilwe ke koloi
28 Apr 2025
Maranyane a tlhabolola itsholelo le matshelo
27 Apr 2025