Kgosi Kgari III o bitsa pitso ya thapelo kwa kgotleng ka Mosupologo
31 Mar 2024
Kgosi Kgari III o laletsa morafe wa Bakwena go phuthaganela kwa kgotleng kgolo ka Mosupologo ka nako ya masome a mararo morago ga nako ya boferabobedi go tla go fiwa pego ka kotsi e e amileng maloko a phuthego ya ZCC St. Engenas ya Molepolole. Molaodi wa kgaolo ya Kweneng Mme Tebogo Bagopi o rotse molaetsa o, kwa bokopanong jo boneng bo tshwerwe ke baeteledipele ba puso ba kgaolo ya Kweneng le botsamaisi jwa kereke ya St. Engenas kwa kerekeng eo ka Tshipi. Mme Bagopi o kopile gape mo bogoging jwa kereke go re merapelo ya ba tlhokafetseng e tshwarelwe kwa kerekeng go re go nne bonolo go gomotsa ba ba latlhegetsweng ba le mo lefelong le lengwe. “Merapelo e, e ka re thusa go re fa re santse re emetse dipego tsa ba sepodisi, bape ba ba eletsang go tla go tshidisa ba tle ba kgone go dira jalo,†Molaodi Bagopi a gatelela jalo. Fa a tswa la gagwe Mookamela mapodisi mo kgaolong ya Kweneng No. 11 Senior Superintendent Modise Gabatshwane o ne a fa bogogi jwa kereke tekodiso ya go re ditlhotlhomiso tsa dintsho di santse di le kwa tshimologong mme ebile thulaganyo ya go tsaya madi a ba masika go tlhomamisa maina a baswi ka kwa Aferika Borwa e wetse mosong ono. Snr Sup. Gabatshwane o tlhalositse go re mo nakong eno, mapodisi a Botswana a beile mo botsamaising jwa mapodisi ka kwa Aferika Borwa , ba ba santseng ba dira ditlhotlhomiso. Mokwaledi wa kereke ya St. Engenas Rre Phillip Sebifo o lebogetse lerato le kemonokeng e puso e e supileng fa e sale tiragalo e, e diragala. A re le fa ba le mo selelong, kemonokeng e, e ba fa natla le nonofo. O kaile gape go re kereke e amogela pitso ya ga Kgosi Kgari III ka oo mabedi. O tshepisitse go re fa dipaakanyo tsotlhe di dirilwe e tlaa re Mosupologo mo maitseboeng merapelo e bulelwe kwa kerekeng. BokhutloSource : BOPA
Author : Lindi Morwaeng
Location : Molepolole
Event : Phuthego
Date : 31 Mar 2024
Related News
29 Apr 2025
Tona o akgola BAGS
29 Apr 2025
Ngwana o thudilwe ke koloi
28 Apr 2025
Maranyane a tlhabolola itsholelo le matshelo
27 Apr 2025