Mapodisi a tlhotlhomisa mme wa dingwaga tse 60 mabapi le leso la mokapelo
28 Mar 2024
Mapodisi a Gaborone West ba tlhotlhomisa mme wa dingwa tse 60 mabapi le leso la rre mongwe wa dingwaga tse 48. Mothusa ramapodisi a Gaborone West, Senior Superintendent Russ Letsebe, o tlhalositse se mo potsolotsong bosheng gore rre yoo tlhokafetseng le mmelaelwa e ne e le bakapelo, mme go bolelwa fa ba ne ba tlhoka kutlwisisanyo mo go feletseng go baka leso. Supt Letsebe a re mme yoo go belaelwa a dirisitse sengwe se se bogale go bolaya mokapelo wa gagwe. A re go ya ka mmelaelwa, ene le moswi ba ne ba tlhoka kutlwisisanyo morago ga gore rre a gane go duela bo nkagothusa ba ba neng ba mo fudusetsa kwa go ene. Rre Letsebe a re mmelaelwa o ne a duela mme ya re morago ba fapaana ka mafoko, kgang ele gore ke eng wa rre a ne a sa ituelele. Supt Letsebe a re go lebega e rile ba ntse ba omana , moswi a tsaya lebotlolo, a itaya mmelaelwa. Mme mo go iphemeleng, mmelaelwa a itaya moswi mo sejabaneng, mme ka go tlhoka lesego a latlhegelwa ke madi a mantsi thata, a a feletseng a baka leso. Rre Letsebe o ne a gakolola setshaba go bona ba ba maleba go ba thusa go rarabolola dikgang tsa bone a supa fa ba ka kopa thuso kwa dikgotleng, kana ofisi epe ya puso le fa ele ba sepodisi go ba letlanya. BOPA.
Source : BOPA
Author : Lesedi Thatayamodimo
Location : GABORONE
Event : Interview
Date : 28 Mar 2024