Ba gakololwa go kgweetsa ka kelotlhoko
27 Mar 2024
Bakgweetsi ba gakolotswe go kgweetsa ka kelotlhoko le go obamela matshwao a tsela ka nako tsotlhe ka seo se ka hema dikotsi tsa tsela mo malatsing papolo ya Morena.
Ka jalo mapodisi a kgaolo ya Tsabong ba setse ba le malala a laotswe go ipaakanyetsa malatsi a boitapoloso ka go bolotsa letsholo ba tshwaraganye le maphata a mangwe a itshireletso.
Kgakololo e, e ntshitswe ke mookamela mapodisi a Tsabong Superintendent Christopher David mo Potsolosong ka Labobedi, a re diphuthego tsa dikereke tse di farologanyeng ba ipaakayetsa go bolola go ya go keteka malatsi a Papolo ya Morena kwa mafelong aa farologanyeng fa bangwe ba tla magaeng go tla go a keteka le ba masika.
O kopile dikereke le setshaba go dirisa dikoloi tsa setshaba mo mesepeleng ya bone ee farologanyeng ka di babalesegile.
Supt David o ne a gakolola bakgweetsi go ikhutsa fa ba lapile, go kgweetsa ka lebelo le le letlelesegang, le go tsamaya nako e santse e le teng go na le go tsamaya bosigo.
O ne a re go botlhokwa go tsamaya ka dikoloi tse di itekanetseng le gone go ikgapa mo go kgweetseng ba nole bojalwa ka ba ka felela ba baka dikotsi.
Mookamela mapodisi a Tsabong o ne a gakolola banni go tlogela bangwe ba ba tlaa salang ba tlhokometse kwa malwapeng, mme e bile ba nang le boikarabelo le gore gape ba go dirise lenaneo la ntebela ke go lebele.
A re go botlhokwa go laela baagisanyi fa ba ya malatsing a boitapoloso go fokotsa borukutlhi jwa go thujwa ga matlo.
O ne a kopa bakgweetsi go dirisana sentle le mapodisi a pharakano jaaka ba tlaa bo ba ipapanne mo ditseleng go dira dikganedi tsa tsela e le tsela nngwe ya go sireletsa setshaba mabapile mo dikotsing tsa tsela.
Rre David o ne a kopa beng ba marekisetso a dino go obamela dinako tse di letlelesegang tsa go bula le go tswala mo malatsing Paseka go go itsa go kgopakgopana le mapodisi.
Mookamela mapodisi a Bokspits Supt Berman July o ne a tlhalosa fa mapodisi ba setse ba ipaakanyeditse malatsi a Papolo ya Morena ka go dikologa mo terateng ya molelwane ba etse seemo tlhoko le gone go dira dikganedi tsa tsela go tlhomamisa gore setshaba se sireletsegile gammogo le dithoto tsa bone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Potsolotso
Date : 27 Mar 2024