Tshwaragano e ka hema borukutlhi
27 Mar 2024
Tshwaragano ya ba-na-le seabe e ka hema borukuthi jo bo tsweletseng ka go gola mo lefatsheng leno.
Se se builwe ke modulasetilo wa No.2 District Executive crime prevention, Kgosi Prince Obuseng wa Lecheng kwa thuto-puisanong ya Mogome Cluster Crime Prevention e e neng e tshwerwe kwa motseng oo bosheng.
Thuto-puisanyo e ne e ngokile maphata le makalana a ba-na -le seabe le batsaakarolo mo dikganyeng tsa twantsho borukuthi. Kgosi Obuseng a re tshwaragano ya morafe, maphata, le makalana ka go farologana e botlhokwa mo go lwantsheng borukuthi.
A re Batswana ba tswa kgakala ba ipelega le go ithaopa, a re mme mo nakong ya gompieno ba batla go atswiwa.
Kgosi a re go tlhoka gore ba-na -le seabe ka kakaretso ba tsene mo dikomiting tsa twantsho borukuthi go tshwaraganela diemo tsa borukutlhi.
Kgosi Obuseng o rotloeditse morafe go nna bo malomatsebe, ba tseye boikarabelo jwa go bega borukuthi bope fela jo ba bo bonang bo diragala.
A re setshaba fa se tshwaragane le mapodisi le dikomiti tsa motse, ba ka dira pharologanyo mo go lwantsheng borukuthi.
Mo go tse dingwe, Kgosi Obuseng o ne a kgala batsadi bangwe ba ba lobang kgokgontsho ya bana le go e rotloetsa ka go amogela dipolaseteke tsa badira melato.
Kgosi a re tiriso botlhaswa ya bana ba ba ko tlase ga dingwaga tse di lesome le boferabobedi mo go tsa tlhakanelo dikobo ke molato, a tlholosa gore bana bao ba imisiwa ke borre ba ba tona ba ba senkeng ba tshwarwa.
Kgosi Obuseng o ba gakolotse gore ba tlhame dikomiti tsa ntebela ke go lebele.
O kgadile borre ba ba kgokgontshang bomme le bana a re borre ke bone basireletsi ba malwapa ka jalo ga ba a tshwanela gona baba mo malwapeng.
Kgosi Obuseng a re borukutlhi bo gakadiwa ke batho ba ba bo bonang bo diragala ba bo bare ga di ba ame.
Motshwarelela Ramapodisi wa Palapye, Goletwa Kethamile a re maikaelelo a thuto-puisano e, e ne e le go rotloetsa tshwaragano ya bone, morafe le maphata a a farologanyeng mo twantshong ya borukuthi.
Rre Kethamile a re ba laleditse bana le seabe gotla go ruta morafe ka tse di amang maphata a bone.
A re ba biditse ba-na-le seabe go tla go tlhalosetse morafe ka dikgang tsa borukuthi le melato.
O supile fa ba lemogile gore dikgang ga di goroge kwa go ba ba tshwanetseng, are tshwaragano eka dira gore ba fenye diemo tse.
Rre Kethamile a re maikaelelo ke go nonotsha dikomiti tsa twantsho borukuthi gore di bereke. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : MOGOME
Event : Thuto puisano
Date : 27 Mar 2024