Ba tshwere ka dikoloi tsa bogodu
26 Mar 2024
Mapodisi a Werda a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone banna bangwe ba le bane ba Afrika Borwa ba tlodileng molelwane ka dikoloi tse go belaesegang e le tsa bogodu.
Mo potsolotsong ka Mosupologo, mookamela mapodisi a Werda, Superintendent Mompoloki Ramatsia a re ba tshwere dikoloi di le pedi tse go belaesegang e le tsa bogodu mme nngwe le nngwe ya tsone e ne e na le bapagami ba le babedi.
Supt Ramatsia a re dikoloi tseo ke tsa dinomoro tsa Afrika Borwa mme mo go tsone go na le ya modiro wa Toyota Fortuner GD6, 2.8ltr le ya Toyota GD6 Hilux Double Cab tse di tsenyeng mo Botswana ka molelwane wa MacCathy’s Rust ka Labone di ya lefatsheng la Namibia.
A re mapodisi a Werda ba lomilwe tsebe ke mongwe mme ba ema mo mannong go tshwara dikoloi tseo tse di tsileng di tlhomagane.
O tlhalositse gore go ya ka ditlhotlhomiso tsa mapodisi, dikoloi tseo di tsenye kwa molelwaneng wa MacCathy’s Rust ka dinako tse di farologanyeng mme di tshwerwe kwa Werda mo kgaolong ya Tsabong.
O tlhalositse gore banna bao ba ne ba isiwa fa pele ga lekgotla ka Matlhatso go kopa lekgotla go ba tshegetsa fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi di santse di tsweletse.
A re morago ga go ikgolaganya le mapodisi a Interpol, ba supile fa koloi ya modiro wa Toyota Fortuner e ntse e batliwa kwa Afrika Borwa. Superintendent Ramatsia o ne a supa gore ba ba neng ba palame koloi ya Fortuner, ba tswa kwa toropong ya Johannesburg, e le monna wa dingwaga tse di masome a mane le bone (44) fa yo mongwe e le wa dingwaga tse di masome a mane le bongwe (41).
Ba ba neng ba palame Hilux Double Cab ke ba toropo ya Rustenburg mme bone ke banna ba dingwaga tse di masome a mararo le borataro (36) fa monna yo mongwe ene a le dingwaga tse di masome a mararo le bone (34).
Superintendent Ramatsia a re ditlhotlhomiso tsa mapodisi di tsweletse mme ba setse ba tshwaraganye le mapodisi a Afrika Borwa a Interpol e bile kgang eo e mo diatleng tsa mapodisi ba Serious Crime Squad mo Botswana.
A re fa banna bao ba ka bonwa molato ba ka atlholelwa dingwaga tse di fetang lesome mo kgolegelong.
O ne a gakolola setshaba ka kakaretso go nna podi matseba, go bula matlho go tlhokomela dikoloi tsa bone ka bogodu jwa dikoloi bo itshupa fa bo golela pele.
A re go lebega ba ba utswang dikoloi ba dirisa melelwane e e seng mosuke go dira borukhuthi joo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : WERDA
Event : Potsolotso
Date : 26 Mar 2024