Ba lekgotla la dikereke ba rapela kgatlhanong le dikotsi tsa tsela
26 Mar 2024
Modulasetilo wa lekgotla la dikereke kwa Lobatse Reverend Nametso Kebonang wa Assemblies of God a re jaaka go tsenwa mo malatsi a boitapoloso a papolo ya Morena, dikereke di tsere tshwetso ya gore ba rapelele dikotsi tsa tsela le masula a mangwe.
O buile jalo ka Mosupologo kwa Lobatse jaaka dikereke, ba Lephata la Ipabalelo Tseleng le bana-le-seabe botlhe ba tshwere merapelo ka maikaelelo a go gakolola batho ka dikotsi tsa tsela.
Fa a itebaganya le go rapelela borukutlhi Moruti David Relemogeng, o ne a re lefatshe le hupeditswe ke borukutlhi, jo bo tlhokisang kagiso le kgololesego, a tlatsa ka gore batho ba gana go obamela melao ee lesome ya Modimo; a re borukhutlhi bo dirwa ke go gana go reetsa babusi, mme lekwalo la Baroma 13: 4 la re ‘go nne mmusi ke modiredi wa Modimo mo go wena gore o tle o bone mmuso wa Modimo.,O boletes fa babusi ba busa mo boemong jwa Modimo gore go bonwe molemo, ka jalo go le botlhokwa gore go fetolwe dikakanyo .
Mme Elder Moseki o rapetse kgatlhanong le kgokgntsho ya bong a supa fa mongwe le mongwe a ka kgokgontshiwa, a bo a gwetlha bomme go emisa go ikgokgontsha, ka go tlhoka go itemoga, ba fetole ka fa ba dirang dilo kateng.
Mo gotsa tiriso ya bojalwa le ditagi phetelela, Moruti Seipatiki Moremi yo gape eleng mogakolodi wa tsa tiriso ditagi le bojalwa a re batho ba amilwe ke ditagi go simolola ka ngwana go fitlhelela ka mogolo; a re ditagi di senya matshelo, ditiro le go senyetsa bana dikole.
O boletse fa ditagi di bolaya le tsone dikakanyo, botsogo fa bangwe ba senyega ditlhaloganyo ka jalo a re dipalo tsa batho ba ba dirisang ditagi di oketsegile ka jaana ditagi di rekisiwa le mo malwapeng .
Moruti Rex Rabanna o rapeletse ditlhopho tsa lefatshe leno go re di tswelele e nne tse di gololesegileng, a rapelela le jone bogogi jwa lefatshe. Fa Moruti Tuelo Koma one a goga kwa pele thapelo kgatlhanong le go nyelela ga batho mo lefatsheng.
Ratoropo wa Lobatse Rre Jomo Dithebe o lebogetse dithapelo a re toropo, e mo mathateng a a tshwanang le kgokgontsho ya bong, leuba le tse dingwe, a leboga dikereke le maloko a tsone a kopa gape gore ba tswelele ka go rapelela ditlhopho tsa lefatshe leno le go ba kopa go tswelela ba rata toropo ya Lobatse. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : LOBATSE
Event : Potsolotso
Date : 26 Mar 2024