Monna o tshwerwe mabapi le mashosetsi a polao
26 Mar 2024
Mapodisi a Letlhakeng a tshegeditse monna wa dingwaga tse di fa gare ga masome a mabedi le botlhano go ya kwa go tse di masome a mararo wa kgotla ya Motsamai kwa Ditshegwane, ka molato wa go tshosetsa go bolaya mokapelo wa gagwe.
E rile mogolwane wa mapodisi a Letlhakeng Superintendent Amos Kekgathetse a lekodisa BOPA, a supa fa tiragalo eo e diragetse kwa Ditshegwane ka Mosupologo. Supt Kekgathetse o supile fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi di supa fa rre yoo a tshoseditse go tlhaba moratiwa wa gagwe ka thipa a mo itsa go buisa batho.
O tlhalositse fa mme yoo le ene a tswa kwa kgotleng ya Motsamai, e bile le ene dingwaga tsa gagwe di le fa gare ga masome a mabedi le botlhano go ya kwa go tse di masome a mararo.
Supt Kekgathetse o gakolotse bakapelo go itse gore fa ba ratana mongwe le mongwe o nale boikgethelo jwa go ka buisa batho ba bangwe kwantle ga moratiwa wa gagwe.
O kopile bakapelo gore fa ba nale mathata ba kope dikgakololo mo go ba ba lebenyemg, go na le go tsaya ditshwetso tse e seng tsone. BOPA
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : DITSHEGWANE
Event : Potsolotso
Date : 26 Mar 2024