Breaking News

Sekole se ipelela dingwaga tse 85

25 Mar 2024

Maduo a mantle a baithuti ba sekole se se botlana sa Zwenshambe ka dingwaga tsa bo 1970 a ne a lemotsha batsadi botlhokwa jwa thuto, le go rotloetsa bana go tsweledisa dithuto. 

  Bontsi jwa bana ba basimane e ne e re fa ba fetsa lekwalo la bosupa ba ye go bereka kwa meepong, fa ba basetsana ba ne ba nyalwa. 

  Moemedi wa setlhopha se se feditseng sekole kwa sekoleng seo ka dingwaga tsa bo 1970 mme Lillian Matshameko a re baithuti ba ba tsenyeng sekole pele ga bone ba ne ba ba segela tema ya gore sekole se a tsenwa, ka jalo mophato o o feditseng sekole ka 1971 wa dira sentle ka go pasa botlhe, mme  a le mongwe  o neng a tsaya letshwao la D.

Mme Matshameko o buile se ka Matlhatso kwa moletlong wa go ipelela dingwaga tse di masome a ferabobedi le botlhano sekole sa Zwenshambe se ntse se dira.

 O ne a tlhalosa fa setlhopha se sotlhe se ne sa fetela kwa sekoleng se segolwane go ya go tsweledisa dithuto tsa bone.

Mme Matshameko o ne a tlhalosa gape gore go dira bontle mo, gone ga simolola go fetola megopolo ya bontsi jwa batsadi, ba simolola go ba rotloetsa go ithuta. A re  setlhopha se, se ne sa nna sekao ka batsadi ba ne ba simolola go nna le seabe mo dithutong tsa bana ba bone, ka go simolola go ela thoko gore bana ba bone ba dira jang kwa sekoleng. “Fa re romotse, re ne re betswa go lekana le palo e re e romotseng fa re tsena kwa lapeng,” ga rialo mme Matshameko a tlatsa ka gore e re ka sekole se ne se sa agelelwa, ka dinako dingwe, batsadi ba ne ba kgona go ralala sekole go bona se ba se dirang.

Mongwe wa baemedi ba baithuti ba setlhopha sa dingwaga tsa bo 1980 Dr Fatima Selaledi o rotloeditse baithuti gore ba ikiteye ka thupana go fitlhelela ditoro tsa bone. Dr Selaledi o ne a re sekole se se alositse dialogane ka go farologana jaaka mapalamente, baokamedi ba maphata, matona a puso, dingaka, baoki, diagente, barutabana le ba bangwe.

A re toro ya gagwe ke go bona barutabana ba duelwa madi a a bonalang, go lekana le seabe sa bone mo setshabeng ka ba simolola ngwana go tswa kwa moding a sa itse sepe go fitlha e nna sekgantshwane mo botshelong.

Dr Selaledi o ne a akgola puso  go tseela thuto kwa godimo a tlhalosa fa e le lone lefatshe le le fang baithuti thuto mahala le bo le neela baithuti ba dikole tse dikgolwane madi a itshetso mo godimo ga go ba duelela sekole.

O ne a rotloetsa barutabana go nna sekao mo baneng ka bana ba sekole ba ba lebeletse mme go le motlhofo go ka kopa tse di sa siamang tse di dirwang ke barutabana.

Moemedi wa setlhopha se se tsenyeng sekole seo ka dingwaga tsa bo 1960 Rre Ivan Mbangiwa o tlhalositse fa ba fitlhetse ntlo ya borutelo e le holo (hall) e ruletswe ka bojang. A re ka ngwaga wa 1962 morutabana a le mongwe o ne a ruta ditlhopha tse pedi (classes) a ka go ne go na le tlhaelo ya barutabana.

Rre Mbangiwa o tlhalositse fa ka nako ya bone go ne go na le mephato ya bo Sub (a) le Sub (b) ke gone moithuti a bo a tswelela go fitlha a fetsa lekwalo la bosupa kwa morutabana a le mongwe a neng a ruta ditlhopha di ka nna tharo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Goweditswe Kome

Location : ZWENSHAMBE

Event : Moletlong wa go ipelela kwaZwenshambe

Date : 25 Mar 2024