Breaking News

Baeteledipele ba diragatsa maikano

25 Mar 2024

Baeteledipele  ba dikgwebo ba ba neng ba tsene moletlo wa go ipelela letsatsi la mafatshefatshe la bomme kwa Paje le le neng  le bulwa semmuso ke Tautona Dr Mokgweetsi Masisi bosheng ba diragaditse tsholofetso e ba e dirileng ka letsatsi leo ya go abela bomme ba bo mmabontle, motsamaisa tiro le mmoki wa letsatsi leo dimpho.

Tsholofetso eo e tla morago ga gore Tautona  Masisi a ba rotloetsa go aba ka jalo batsibogela kopa ya gagwe.

Tautona Masisi o ne a tswelela a supa fa go sa abelwe baba tlhokileng lesego fela mme go ka abelwa mongwe le mongwe e le tsela ya go supa mowa wa lerato. Fa a rola dimpho tseo ka Labone Kgosi wa Paje Kgosi Nagano Martin o ne a gatelela mafoko aga Tautona Masisi, a supa fa lerato ele konokono mo setshabeng mme fa motho aka latlhegelwa ke lerato go sena tshiamo epe e a ka edirang mo Setshabeng.

Kgosi Martin a re go botlhokwa gore baba abetsweng dimpho ba di dirise kafa go tshwanetseng ka teng ka gore go dira jalo ba jwala peo e e tla a tsogang e ba ungwetse. 

O ne a tlatsa ka gore seo se ka ba kgontsha gore le bone ba tsoge ba abela ba bangwe. O lebogile baba neng ba tshephisitse dimpho ba bo ba diragatsa maikano a bone, Kgosi are seo se supa fa ele batho ba ba nang le boammaruri le boikanyego.

Fa a latlhela la gagwe Kgosi Moses Bakoko yo eleng mothusa kgosi kwa Paje o ne a tlatsa ka gore mpho lefa e ka tswa e le nyenyane motho oka e dirisa go simolola botshelo le go fetola botshelo jwa gagwe.

Kgosi Bakoko o lebogile bo mmabontle go re ba bo ba ne ba seka ba ba swabisa mme ba tsaya karolo mogo diragatseng ditso ka ke lantlha go tshwarwa mmabontle wa bomme ba dingwaga tsedi fetlang masome a marataro (60) mo motseng wa Paje.

Mme Galemodimo Kebalathe yoo gapileng maemo a ntlha mo mmabontleng wa letsatsi la mafatshe fatshe la bo mme o filwe podi le madi mme o lebogetse dimpho tseo fela thata, fa Mme Goitsemang Jeji yo o gapileng maemo a bobedi a re o motlotlo thata go bo a ne a reetsa kgakololo ya bana ba gagwe ba ba neng ba mo rotloetsa go tsaya karolo mo kgaisanong eo. “Ke tsene kgaisano e ke sa solofela sepe, jaanong go bo ke filwe madi jaana le podi, ke mpho e ke nang go e lebala ke,” Mme Jeji a supa jalo.  A re podi ea e filweng e tlaa  thusa go oketsa moraka wa gagwe yo a neng a setse a o simolotse.

Mme yoo gapileng maemo a boraro a Mmabontle, Mme Tetlelelo Ntwakgolo ene o filwe mpho ya madi.

Mmoki wa letsatsi Mme Galenkgathe Taunyana o lebogetse bogogi jwa Paje go mo laletsa go tla go diragatsa e ntswa a tlholega ebile a nna kwa Majwanaadipitse.

A re fa ene ese ka taletso e Tautona Masisi  le sechaba ba ka bo ba sa bona talente ya gagwe ba bo ba mo atswa. Mme Taunyana yo o abetsweng madi le podi a re o tlaa  dirisa dimpho tseo sentle gore di mo sologele molemo.

Mme Magadi Bareetseng yo neng ele motsamaisa tiro o ne a lebogela mpho ya madi le nku tse pedi tse a di filweng a tlhalosa fa a sa tlwaela go fiwa dimpho. 

O supile fa se se mo tlotlomaditse e bile se mo tiisitse moko go tswelela a direla lefatshe la gagwe ka natla. Madi a a neng a fiwa bomme ba mmabontle, mmoki le motsamaisa tiro a ne a feta P5 000, a tlatswa ke dipodi tse tharo le dinku tse pedi. Bokhutlo 

Source : BOPA

Author : Patricia Speakson

Location : PAJE

Event : Letsatsi la mafatshefatshe la bomme

Date : 25 Mar 2024