Breaking News

Tshomarelo tikologo e botlhokwa-mogolwane

25 Mar 2024

Mogolwane go tswa kwa Lephateng la Dikgwa, Rre Sindisa Major o gwetlhile setshaba go jwala le go somarela ditlhare. 

A re ditlhare di botlhokwa thata mo matshelong a batho le mo diphologolong tota, ka jalo go botlhokwa gore di dibelwe ka gotlhe mo go ka kgonafalang, a tlatsa ka gore go botlhokwa gore batho ba ithute mokgwa wa go di jwala go na le go di rema. A re o lemogile gore batho ba rema ditlhare phetelela go gaisa tse ba di jwalang. 

A re mme go ka nna molemo gore e re motho a sena rema setlhare, a bo a jwala se sengwe go se emisetsa, a bolela fa seo se ka thusa gore dikokomane tse di tlang le tsone di tle di sologelwe molemo ke ditlhare.

 Rre Major o kopile jalo kwa moletlong wa go keteka letsatsi la Mafatshefatshe la Dikgwa kwa motseng wa Jackalas No.1 kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba, kgwedi eno e le masome a mabedi le motso. 

A re go botlhokwa gore batho ba tseye tsia setlhogo sa monongwaga se se reng Forests and Innovation, ka se gwetlha gore go batliwe metlhale e mesha ya go leka go somarela dikgwa.

 Fa a tlhalosa go ya pele ka botlhokwa jwa ditlhare, Rre Major o ne a tlhalosa fa gareng ga tse dingwe, ditlhare di thusa go lwantsha bosekaka le go fokotsa manokonoko a phetogo ya loapi, a tlatsa ka gore di dirisiwa gape go fetlha dilo di tshwana dijo, maungo melemo, dinkgisa monate, ditlolo le tse dingwe fela jalo.  A re gape di thusa gore batho ba heme phefo ya tlholego e e babalesegileng, mme e bile di neela diphologolo le ditshidi dingwe bonno, mo godimo ga moo, di tokafatsa matshelo a batho, ka bangwe ba gweba ka tsone go bona letseno le ba malwapa a bone. Mogolwane o tsweletse a re fa ditlhare di foka, di thusa go timola mogote segolo jang mo seemong se tshwana sa nako eno, se lefatshe le itemogelang mogote o o feteletseng.

 Fa a nankola maikaelelo a letsatsi leo, Rre Major o ne a supa fa e le go leka go isa molaetsa kwa sechabeng mabapi le mosola wa ditlhare le botlhokwa jwa go di lema. O ne a tlatsa ka gore maikaelelo a mangwe ke go rotloetsa tshomarelo ya dikgwa le matlotlo a tlholego.

 Fa a tswa la gagwe, mokhanselara wa Ramokgwebana/Jackalas No.1, Rre Godfrey Smile o ne a gatelela botlhokwa jwa tshomarelo ya ditlhare, a supa tlhobaelo ya go bo dimela dingwe tse ba godileng di le teng mme e bile dingwe ba ne ba itshetsa ka tsone, mo nakong eno di sa tlhole di le teng mo tikologong ya bone. 

Mokhanselara Smile o ne a rotloetsa batho go sireletsa ditlhare, bogolo jang tse di gomagomediwang ke go nyelela. 

A re go sa nneng jalo, lefatshe leno le tlaa thanya lo le tsebeng le setse le le mo sekakeng jaaka mafatshe a mangwe a a setseng a le mo manokonokong a seemo seo.  

Mokhanselara a re batho ba tlhaloganye fa ditlhare e le mpho e e tswang kwa Modimong, a re dingwe tse di leng teng mo Jackalas No.1 di ka oka bajanala mme ga thusa go tsholetsa itsholelo ya motse mmogo le ya lefatshe leno tota.

 Go sale foo, motse wa Jackalas No.1 o na le mokgatlho o o bidiwang Madzibakufa Conservation and Development Trust, o maikaelelo mangwe a one e leng go somarela ngwao, tikologo le di tsa tlholego tsotlhe tse di mo motseng oo. Go tlhalosiwa fa mokgatlho oo, o tlhamilwe ka ngwaga wa 2001 mme wa kwadisiwa ka fa molaong ka ngwaga wa 2007. Bokhutlo 

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : JACKALAS NO 1

Event : Moletlong wa go keteka letsatsi la Mafatshefatshe la Dikgwa

Date : 25 Mar 2024