Lenaneo le tlaa tokafatsa maduo
25 Mar 2024
Go simolodisiwa ga lenaneo le lesha la Teaching at the Right Level (TaRL) mo kgaolong ya Tsabong le solofetsa fa le tlaa tokafatsa maduo a a tswang kgakala a sa jese diwelang.
Lenaneo leo, go tlhalositswe le tsile go fetola selebego sa thuto ka tshwaragano ya ba Lephata la Thuto le ba ba ikemetseng ba Youth Impact Botswana ba ba itlamileng gore thuto ya boleng e fitlhelele ngwana mongwe le mongwe.
Fa a simolodisa lenaneo leo bosheng kwa Tsabong, molaodi wa kgaolo eo Rre Levis Thupa, o boletse fa puso e tsaa thuto ya boleng tsia mme e supa seo ka go akaretsa mo moalong wa ditlhabololo jaaka National Development Plan le District Development Plan, le la mafatshe-fatshe la African Union Agenda 2063 a a rotloetsang setshaba se se nang le dikitso.
A re se, se supagetse ka kgaoganyo ya madi ya bosheng e e supileng fa Lephata la Thuto le neetswe serwe se setona go thusa go tsamaisa ditirelo le ditlamelo tsa lephata.
O boletse fa lenaneo la TaRL le tlaa fa ngwana mongwe le mongwe tshono ya go ithuta ka fa tlhaloganyo ya gagwe e kgonang go tshwara dithuto ka teng e bile ba rutwa ka ditlhopha go lebeletswe bokgoni le ka fa ba tlhaelang ka teng mo dithutong tsa bone go sa tlogelwe ngwana ope kwa morago.
Rre Thupe o boletse fa lenaneo la Teaching at the Right Level le tlaa thusa gore kgaolo ya Tsabong e e tswang kgakala e sa fitlhelele seelo sa yone sa go tokafatsa maduo se fetoge mme se tsise tsholofelo le tharabololo mo dikgwetlhong tsotlhe tse ba Lephata la Thuto ba lebaganeng le tsone.
O boletse fa lenaneo le, le gwetlha gore mongwe le mongwe a akanye sesha ka go baya kwa pele maele le dikitso tse di maleba le botlhokwa jwa go tshwaragana le maphata a puso le ba ba ikemetseng ka nosi, barutuntshi, bagogi jwa metse le ba-na-le-seabe botlhe go goga mmogo go tsisa maduo le gone go fitlhlela mo dikoleng tse di potlana mo Botswana go fitlha ka ngwaga wa 2025.
A re jaaka lenaneo le tlaabo le simolodisiwa go tshwanetse ga salwa morago ka fa go tshwanetseng ka teng go betlela ngwana mongwe le mongwe bokamoso jo bo eletsegang a na le didirisiwa tsotlhe tse di tlhokafalang gore a tle a kgone go fitlhelela go sena dikgoreletsi ka jaana tsholofelo ya TaRL e le go aga bokamoso jwa bana.
Mo mafokong a gagwe a kamogelo mookamedi wa lephata la thuto go tswa kwa moding Mme Maipelo Kesenye o ne a tlhalosa fa ba tswa kgakala ba itomile molomo wa tlase go simologa ka ngwaga wa 2012 mme maduo a dikole tse di potlana, Junior Certificate le tsa BCSGE a sa tokafale go fitlhelela seelo se ba neng ba se ipeetse e le lephata sa 80 percent mo Kgalagadi.
Mme Kesenye o boletse fa e ne ya re ka ngwaga wa 2021 ba leka go fitlhelela seelo sa lephata ka ba ne ba dira 68.3 per cent, a re maitemogelo a bone ke gore bana ba dira sentle kwa dikoleng tse di potlana mme fa ba fetela kwa go tse di kgolwane maduo a wele tlase.
O boletse fa nako e gorogile ya gore ba-tsaya karolo botlhe ba fetole dikakanyo, maikutlo le boitshwaro ka fa go rutwang ka teng, ka seo se ka thusa mo go tokafatseng maduo aa eletsegang.
A re lefatshe leno ke la itsholelo e e fa gare mme maikaelelo e le go ya kwa go e e kwa godimo a supa fa gape maitlamo a lefatshe go ya ka tebeleopele ya 2036 e le go tswa mo itsholelong ee ikaegileng ka ditswa mmung go ya kwa go ee ikaegileng ka dikitso ka thuto e le boswa jwa sennela ruri.
Mookamedi wa lephata la thuto o ne a gwetlha mongwe le mongwe go amogela ka tsoopedi lenaneo le lesha la TaRL go tsena mo tirisong ka le tlaa tokafatsa maduo mo kgaolong.
Molomaganya ditirelo tsa Youth Impact Organisation mo Botswana, Rre Thimonyo Karunga o boletse fa lenaneo le gorogile mo kgaolong ya Afrika mo Botswana ka ngwaga wa 2014 go tswa lefatsheng la India mme ba setse ba fitlheletse dikole di le boferabongwe.
A re tebelopele ya Youth Impact Organisation ke go golaganya banana ka mananeo a botshelo le go sireletsa dikitso.
O ne a supa fa lenaneo la TaRL le itebagantse le bana ba ba saletseng kwa morago mo thutong mme le tshwaraganye le lephata la thuto mme le tlaa tsamaya le dikole tsotlhe tse di potlana mo lefatsheng leno go fitlhelela ngwaga wa 2026.
Rre Karunga o ne a tlatsa ka go supa fa ba tlaa tswelela ka go rutuntsha barutabana ba jaanong ba tlaa e fetisetsang kwa baneng ba maduo a a kwa tlase mo dikoleng ka go farologana.
Mogolwane wa thuto go tswa mo kgaolong potlana ya Tsabong Mme Sophinah Bimbo mo mafokong a gagwe a tebogo ne a supa fa lenaneo la TaRL, tsholofelo e le gore fa le ka dirisiwa ka fa go tshwanetseng ka teng le tlaa tsisa pharaloganyo ka go tokafatsa maduo mo kgaolong eo mo ngwageng ono a a tswang kgakala a sa jese diwelang. ENDs
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Tshimolodiso ya lenaneo la Teaching at the Right Level (TaRL)
Date : 25 Mar 2024