Breaking News

Monna o remile mmaagwe ka selepe

25 Mar 2024

Mapodisi a Letlhakeng a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna wa dingwaga tse di magareng ga masome a mabedi le botlhano le masome a mararo a gobaditseng mmaagwe ka selepe. Erile a lekodisa ba lekalana la dikgang la BOPA, mogolwane wa mapodisi a Letlhakeng Superintendent Amos Kekgathetse, a supa fa tiragalo eo e diragetse ka Labone beke e e fetileng kwa kgotleng ya Molehele gone motseng wa Letlhakeng. Supt Kekgathetse o tlhalositse fa tiragalo eo e diragetse motshegare nako e ka nna lesome le botlhano go latela nako ya bongwe, a supa fa rre yoo a ne a rema maagwe ka selepe mo tlhogong, mokwatla le mabogo, mme ya re ba sena go begelwa tiragalo eo, ba ragosetsa motswasetlhabelo kwa sepateleng sa Scottish Livingstone kwa Molepolole kwa a santseng a le teng ka dikgobalo tse di masisi. O tlhalositse fa monna yoo a ne a tlhoka kutlwisisano le mmaagwe a ngongoregela gore o file bangwe tiro a sa e neele ene, mme gape a sa mo tlhokomele. Supt Kekgathetse o kopile banana go emisa go nwa bojalwa phetelela, a ba rotloetsa go itirela sengwe se se ka ba tsenyetsang letseno, a bo a kopa batsadi go itlwaetsa go kgalemela bana ba sale bannye. O kopile morafe go inaakanya le dikomiti tsa ntebela ke go lebele gore ba thusane fa yo mongwe a tlhasetswe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : LETLHAKENG

Event : POTSOLOSO

Date : 25 Mar 2024