Ba SPC ba leboga Tautona Masisi
24 Mar 2024
Go roba maungo a ntlha a tshimo ya dinamune e e di fetang tsotlhe mo lefatsheng leno go tsisitse monyenyo mo bogoging jwa khamphani ya dinamune ya Selebi-Phikwe Citrus.
Se se tla morago ga gore Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a leme setlhare sa ntlha sa dinamune e le jaaka a ne a jwala peo e tlaa reng mo nakong e khutshwane e be e godile go dira setlhare sa maungo se se tlaa ungwelang Batswana botlhe.
Selo se, se ne sa makatsa beng ba khamphani e go bona puso e eme ka dinao go ba thusa gore tshimo ya dinamune e ba ikaeletseng go e dira e seka ya nna toro fela.
Ka jalo, ba lebogela puso go bo e tsamaile mosepele le bone mme e re fa ba tlhaelang teng, puso e nne e ba tataise go fitlhela tshimo e ya dinamune e itshetlela.
Mongwe wa bagolwane ba khamphani e, Rre Pieter Scholtz o lebogetse kemo nokeng e puso e ba e fileng, a tlhalosa fa se e tlaa tsamaya e nna ditso mo khamphaning ya bone ka e rile fela ba tsena mo lefatsheng leno go tswa kwa Afrika Borwa, e be ba setse ba thusiwa gore ba seka ba nyema moko go beeletsa mo lefatsheng leno.
O lebogetse Tautona Masisi le matona a gagwe go bo ba na le toro e ka isang lefatshe leno kgakala ka go tlhabolola mohama wa temo-thuo bogolo jang mohama wa temo ya merogo le maungo.
Rre Scholtz o buile se morago ga gore Tautona a robe maungo a ntlha a tshimo ya dinamune a ebileng a tlaa bo a rekisiwa kwa dimmarakeng tse di kwa ntle go tsisa letseno la madi a mafatshe a mangwe le go tlhamela Batswana ditiro.
A re metsi ke selo se se botlhokwa mo temong mme o ne a bona puso e ema ka dinao e tshwaragane le dikhamphani tsa puso tse di ikemetseng go thusa gore tshimo e e bone metsi a nosetso go tswa kwa letamong la Letsibogo, selo se a reng se ne se ka seke se nne motlhofo fa ba ne ba dira ba le nosi.
Le fa go ntse jalo, Tona wa Lephata la Temo-Thuo, Rre Fidelis Molao o gateletse botlhokwa jwa go tlhokomela tshimo e gore diji di seka tsa senya maungo mo go ka busetsang maikaelelo a lefatshe leno kwa morago.
A re puso e tsentse monwana tumalano ya go lwantsha diji le malwetse, a rotloetsa gore beng ba tshimo e ba sale melao ya go nna jalo morago gore ba kgone ba akole go rekisa dithoto tsa bone kwa mebarakeng e e kwa ntle ga mmogo le mo gae.
Rre Molao a re go botlhokwa gore ka nako tsotlhe tshimo e e bo e tsepame mo go saleng morago melao ya go tila malwetse, a tlatsa ka gore malwetse a go nna jalo a ka ama le batho fa go sa salwe molao morago.
O gateletse gape gore mebaraka ya thekiso ya namune ga e tle go akolwa fela ke ba khamphani ya dinamune ya Selebi-Phikwe mme e ya go akolwa ke balemi ba bangwe ba maungo a dinamune ba ba eletsang go rekisa kwa mebarakeng e kwa ntle ga lefatshe leno.
O rotloeditse dikoporase go tsaya malebela mo tshimong e go oketsa thobo ya maungo le go tlhama mebereko. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : Selebi Phikwe
Event : Thobo
Date : 24 Mar 2024