Loeto lwa ga Davis lo nonotsha tirisanyo
24 Mar 2024
Mafatshe a Botswana le The Bahamas a tlaa tswelela ka go amogana dikitso le methale e mengwe go nonotsha tirisanyo mmogo.
Se setla morago ga loeto lwa tonakgolo wa Bahamas Rre Phillip Davis la malatsi a marataro.
Fa a garela loeto lwa ga Rre Davis, mo potsolotsong ka Matlhatso kwa lebaleng la difofane la Sir Seretse Khama Internationa Airport, Tona wa tsa Mafatshe a Sele, Dr Lemogang Kwape a re Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o simolodisitse botsalano jo bo nonofileng jwa lefatshe la Botswana le la The Bahamas ka jalo go saletse Batswana gore ba dirise sebaka seo ka boamaruri.
Dr Kwape a re lefatshe la Bahamas le kgona go amogela baeng ba le nine (9) million ka ngwaga ka jalo go botlhokwa go ithuta sengwe mo go bone.
Mo mohameng wa diteemane, Dr Kwape a re Tonakgolo Davis a re go botlhokwa go atumela mmaraka ka go dirisa mafatshe a a gaufi le mmaraka go o phunyeletsa motlhofo jaaka la The Bahamas.
A re selo sa botlhokwa ke go sireletsa boleng jwa diteemane tsa Botswana.
Mabapi le kgang e e tlang ka mafatshe aa ikopantseng a G7 ya gore diteemane di tshwanetse di tsamae ka tsela e ba e batlang pele di ka tsena mo mmarakeng wa bone go itsa gore di seka tsa amana le tse di sa batliweng tsa Russia e ka sekasekwa gore go ka diriswa lefatshe la Botswana go kakoba diteemane.
A re lefelo le tshwanetse la nna mo Botswana ka gore ke lone lefatshe le le ntshang diteemane tsa boleng jo bo kwa godimo.
Dr Kwape a re nngwe ya ditumalano tse di dirilweng ke go nonotsha mohama wa temo-thuo ka go amogana baithuti, bodiredi le dikitso.
A re sekole sa temo-thuo sa Botswana University of Agriculture and Natural Resources (BUAN) se konoteletse mokwalo wa tumalano ya ditirisanyo le sa Bahamas Agriculture and Marine Science Institute (BAMSI).
A re mo tumalanong eo baithuti ba le lesome (10) ba Bahamas ba filwe sebaka sa go tla go ithutela dithuto tse di amanang le mohama wa temo-thuo kwa BUAN mono ngwaga.
O tsweletse a re go na le baithuti ba Botswana ba ba kwa Bahamas go ithutela bongaka ka jalo tsholofelo ke go tswelela ka go dirisanya go tlhabolola mohama wa thuto le tse dingwe.
Tona o tlhalositse gore lengwe la mafelo a a etetsweng ke Tonakgolo Davis ke Banka ya Botswana.
A re mo puisanyong ya gagwe le bagolwane ba Banka ya Botswana le bagolwane ba puso, maikalelo ke go tsena mo go dirisaneng ka tse amanang le tiriso le tshireletsego ya ledi.
Dr Kwape a re Banka ya Botswana le ya Bahamas di tsenye mo tumalanong ya go tswelela ba dirisana, ba amogana maele ka go tokafatsa methale e e amang tiriso ya madi.
O tlhalosiste gore madi ga e sa tlhole e le dipampiri, a tsamaya mo moweng, a romelwa ka maranyane, seemo se se tlhofofatsang kgwebo ka gore bagwebi kana setshaba ka kakaretso ba tlaa bo ba reka le go gweba mme ba duela ka tiriso ya maranyane.
O supile gore lefatshe la The Bahamas le gatetse pele mo tirisong ya maranyane.
“Le rona go na le tse ba ka di anyang mo go rona jaaka tsamaiso,” ga tlhalosa Dr Kwape. A re Lefatshe la Botswana le na le tsamaiso e melediwang mathe ka jalo mafatshe ka go farologana a tsweletse ka go ithuta mo go se Botswana e se tshegeditseng.
“Ba ka anya setho sa rona, jaaka Tonakgolo Davis a buile gore selo se a se ratileng segolo bogolo ka lefatshe la Botswana ke batho, ka jalo seo ke kgwetlho mo go rona gore jaaka re tswelela ka go etelwa ke ba ba tswang kwa mafatsheng a mangwe, mme ba kgatlhwa bogolo ke boleng jwa rona, se se salang ke gore a rona re a ithata.”
Tona Kwape a re le fa e se gore ga gona tse di tshwenyang mo lefatsheng la Botswana go botlhokwa go tswelela ka seemo se e leng gore tse di molemo di hupetsa tse di ka tswang di dule mo tseleng.
Dr Kwape a re go botlhokwa go bona Batswana ba galalediwa ka setho sa bone, ka jalo go le botlhokwa gore lefatshe la Botswana le tswelele ka go dira tse di sologelang batho molemo.
O tllhalositse gore mo leetomg la gagwe la malatsi a marataro, Tonakgolo Davis o ne ipha sebaka sa go etela tshimo ya sika-loo-namune ya Selebi Phikwe.
A re ke boamaruri gore tshimo eo, e dirilwe ka dipeeletso tsa bagwebi ba ba ikemetseng ka nosi.
A re tiro ya puso ke go ngoka ba ba nang le madi go tla go bula dikgwebo le go beeletsa mo Botswana, ba dira ditiro, dikitso le dithoto tse ba di dirang mo gae. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Moshe Galeragwe
Location : Gaborone
Event : Loeto
Date : 24 Mar 2024