Lephata la papadi le tshwenyegile
20 Mar 2024
Makhanselara a Lobatse a kopilwe go ruta setshaba ka bodiphatsa jwa go neela batswakwa ditiro tse puso e di seegetseng kwa thoko go re Batswana ba tokafatse matshelo a bone ka tsone.
Mo phuthegong ya khansele ka Labobedi, modiri wa lephata la papadi le madirelo, Mme Sarah Letsoga o boletse fa seemo seo se setse se dule mo taolong ka jaana Batswana ba sa tlhole ba akola meamuso ya puso ee diretsweng go ba ntsha mo lehumeng.
O tlhalositse fa seemo seo, se ka sekgowa se bidiwang fronting se sa babalele setshaba fela, mme se babalela le itsholelo ya lefatshe leno.
Mme Letsoga a re go ngomola pelo go re ere Batswana ba sena go direlwa mananeo a ka one ba kabong ba itshetsa, a bo ba itetla go tsietswa ke batswakwa.
“Bodiphatsa jwa seemo se ke gore Batswana ba felela ba sala ka dikoloto tsa makgetho fa batswakwa bone ba sietse gabone.”
O tsweletse ka go re fa motho a tshwarwa a dirile jalo o ka atlholwa dikete tsa dipula dile masome a matlhano kana dingwaga tsedi sa feteng lesome mo kgolegelong.
Mokhanselara wa Thema/Motswedi Mme Kenanao Mononi o supile go re ere le ntswa puso e itse gore batswakwa ba dirisa Batswana, go santse gole maoto a tshupa go re go tsewe dikgato le ditshwetso tse di tlaa hemang seemo seo.
O tladitse ka go re le dikatlholo di gateletse thata mo beng-gae fa batswakwa di sa bue sepe ka bone.
Mokhanselara wa Woodhall Rre Thebe Baile ene a supile fa seemo seo se tshwanetse go potlakelwa mme le dikatlholo di gagamadiwe.
Makhanselara a mangwe le one a ne a lebogela mafoko a modiri wa lephata la papadi le madirelo, mme ba gakolola go re lephata le tlhwaafalele go isa molaetsa oo kwa setshabeng. Bokhutlo
Source : bopa
Author : Aobakwe Molefhi
Location : Lobatse
Event : Bokopano jwa khansele
Date : 20 Mar 2024