Breaking News

Molao-kakanyetso o ama merafe

20 Mar 2024

Molao kakanyetso o o ikaelelang go emisa theko le thekiso ya diphologolo le makgabisa naga Hunting Trophies (Import Prohibition) Bill, kwa Britain o tsile go baya merafe ka fa mosing ka ba ikaegile ka dipoelo go tswa mo thekisong ya tsone.

Molao kakanyetso oo, o o gwetlhang Botswana le mafatshe a a mo borwa jwa Afrika go senka mmaraka wa diphologolo le ditswa-phologolong tsa boleng jo bo kwa godimo mo mafatsheng a sele, o ka ama ditlhabololo tse ba di dirang ka madi  thekiso.

Seo se builwe ke Kgosi Piet Manyoro wa Khawa mo potsolotsong ka Labobedi. 

O tlhalositse go re Khawa ke mongwe wa metse e e ikaegileng thata thekiso ya diphologolo ka Khawa Kopanelo Development Trust e e fiwang serwe (hunting quota) ya diphologolo go di rekisa mme ba dirisa madi ao go tsisa ditlhabololo mo motseng oo.

O supile jalo go re fa Palamente ya Britain e ka fetisa molao oo, o tlaa go ba baya ka fa mosing ka jaanong ditiro (projects) dingwe tse ba ntseng ba  didira ka madi ao di tlaa amega.

Kgosi Manyoro a re banni ba motse oo ba tshela ka diphologolo ka jalo go botlhokwa go senka ditselana dingwe go bona go re diphologolo di tswelela di tsisetsa morafe madi.

A tlatsa ka go re, ‘mafatshe a teng, jaaka Amerika, Japan, China le a mangwe a re ka a rekisetsang. A re seka ra leba lefatshe le le lengwe, le  matona a puso ba re senkele mmaraka kwa mafatsheng a mangwe, ba tsene mo dipuisanyong le mafatshe a mangwe gore re nne le metswedi e e farologanyeng’. 

O tlhalositse go re go rebolwa ga morafe go rekisa diphologolo go ka ba solegela mosola ka go re ba kgonne go aga polasi e tona ya dihutshane ya Swakara, e mo nakong eno ba tsweletseng ka go e tlhabololola ka madi a a ba Khawa Kopanelo Development Trust ba a bonang ngwaga le ngwaga mo letsomong.

 O supile jalo go re itsholelo e kwa tlase mo motseng oo ka go re ga gona ditiro mme morafe o itshetsa ka diphologolo, a re fa molao wa Import prohibition of Hunting Trophies bill o ka fetisiwa kwa Britain, botshelo bo ya go nna thata le go feta mo motseng wa gagwe.

Kgosi a re go rebolelwa letsomo la diphologolo go botlhokwa ka gore go fokotsa kgotlhang fa gare ga batho le diphologolo, mme e bile fa go tsewa lobaka le le leele go sa dirwe diphologolo di a ntsifala mme di atamele meraka ya batho.  

A re mo motseng wa gagwe o o bapileng le lefelo la diphologolo la Kgalagadi Transfrontier Park, ditau di dira tshenyo ka di ba jela leruo nako le nako. 

O tlhalositse go re mo nakong eno di ntsifetse fela thata mme ebile.

“Beke e e sa tswang go feta di ne di tshwarwa ke ba lephata le Diphologolo le Makgabisa Naga kwa merakeng ya Khawa kgapetsa kgapetsa di busediwa ko Kgalagadi Transfrontier Park.”

Fa a tswa la gagwe kwa Kokotsha, moeteledipele wa KOINAPHU Trust e e akaretsang metse ya Kokotsha, Inalegolo, le Phuduhudu Rre William Bimbo a re molao fa o ka feta o tla a tlogela merafe ka bontsi e e itshetsang ka diphologolo mo legoeleleng,  o busetse tlhokomelo tikologo kwa morago.

“Go a go re ama fela thata ka gore ga re na sepe gape se se re direlang letseno la madi ntleng le diphologolo le bajanala mo metseng e,” a tlhalosa.

A re metse ya Kokotsha, Inalegolo, Phuduhudu e ikaegile thata ka bojanala mme ebile KOINAPHU Trust e ntse e dirisa madi a e a bonang mo go rekiseng diphologolo go thusa merafe eo mo ditirong tse dingwe.

 O tladitse ka go re ba abetswe lefelo la itloso bodutu (camp site) kwa Mabuasehube le ba santseng ba tsweletse ka go le tlhabolola mme jaanong molao oo fa o ka fetisiwa o tlaa ama seo.

O ne a tlatsa ka go re gape lefatshe la Britain ke lengwe la mafatshe a a itlhomileng kwa pele go rotloetsa bojanala mo Botswana mme jaanong fa ba ka emisa go reka, makgotla a merafe ka bontsi a tlaa phutlhama mme ditlhabololo di boele morago mo mohameng wa bojanala.

Moeteledipele wa KOINAPHU Trust Rre Bimbo a re mo nakong eno Trust eo e na le madi a a fetang P1 million mo letloleng mme ba tsweletse ka go ipaakanyetsa go tlhabolola campsite, go gokela motlakase wa madirelo go o dirisa go tsamaisa metshine e e sugang matlalo kwa Phuduhudu. 

“Metshine e setse e le teng mme jaanong re saletse morago ka motlakase o o re lopang madi a P210 000 go o gokela,” a tlhalosa.

A re molao wa Import prohibition of Hunting Trophies bill fa o ka fetisiwa o tlaa ama thata letseno la bone, mme e bile ditiro tse ba neng ba di ipeile pele, tse ba neng ba solofetse fa di tlaa ba fetlhela mebereko di tlaa  ema. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : Khawa

Event : Potsolotso

Date : 20 Mar 2024