Lekgotla la baruti kwa Letlhakeng le rapelela baithuti
18 Mar 2024
Ba Lekgotla la baruti la Letlhakeng ba rapeletse baithuti ba sekole sa Mphuthe kwa motseng oo, ba ba wetsweng ke seru sa bolwetse jwa go roroma.
E rile a lekodisa batsadi, modulasetilo wa komiti ya Batsadi le Barutabana kwa sekoleng seo, Rre Marks Mokhowe, a supa fa sekole sa Mphuthe se na le dikgwetlho tse dintsi.
Rre Mokhowe o supile fa dingwe tsa dikgwetlho tsa sekole seo e le bolwetse jwa go roroma ga bana, a supa seemo se simologile ka ngwaga wa 2020 ba sena go amogela bana ba le babedi ba ba neng ba tswa kwa sekoleng sa Lempu kwa Salajwe ka one mathata a go roroma.
O tlhalosistse fa e rile ba bona seemo seo ba lekodisa bogogi jwa motse. A re le ntswa bolwetse bo ne bo ntse bo le teng nako yotlhe, monongwaga bo ne jwa tsaya phekelo e sele.
Modulasetilo o supile fa seemo se, se gwetlhile bogogi jwa motse le batsadi go rapedisa sekole.
Mogokgo Rre Alferd Ranko, o supile fa e rile a simolola tiro kwa sekolong seo, a kgatlhantshiwa ke seemo sa go roroma ga bana, tiragalo e e neng e le lantlha a e bona. O tlhalositse fa maikaelelo a gagwe e le go tokafatsa maduo a baithuti, mme go le botlhokwa go fedisa seemo se go re bana ba kgone go ithuta ba sa kgoreletsege.
Rre Ranko o supile fa a fitlhetse bana ba le barataro ba lwala bolwetse jwa go roroma mme ba oketsega go nna masome a mararo le bone, a supa fa bana ba ba amegileng e le ba metse ya Ditshegwane le Malwelwe.
O tlhalositse gape fa mo nakong ya gompieno go na le bana ba le masome a mararo ba ba santseng ba tlhasetswe ke bolwetse jo.
O tlhalositse fa bana ba supa fa ba tshwarwa ke bogatsu e bile ba tlhalosa fa thapelo fela e le yone e ka ba kgonang.
O boletse fa ba botsogo ba supile fa go sena kalafi ya bolwetse jo, mme bomankge ba tsa botsogo ba tsere bana madi go ya go a tlhatlhoba go bona gore matsapa di a tsaya kae.
Erile a ntsha la gagwe mothusa kgosi ya Letlhakeng Kgosi Tumelo Puleng, o ne a supa fa go ntse go na le go supasupana ka menwana ga batsadi, bana le barutabana ka ntlha ya maduo a a kwa tlase a sekole seo.
Kgosi Puleng o ne a kopa go re ba tshwaragane go re maduo a bana a tle a fetoge.
Erile a leboga, mokhanselara wa kgaolo ya Borwa Rre Mothusi Ramogolane a kopa ba makgotla go tswelela ba rapedisa bana kwa dikerekeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : LETLHAKENG
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 18 Mar 2024