Breaking News

Ba Sherwood ba tlaa oba letsogo

18 Mar 2024

Sherwood,  kwa Tuli Block o tswa goo-lowe a jesa lefatshe leno ka go ntsha dijo bogolo jang merogo le maungo.

Lefelo le, le le gaufi le molelwane wa Martins Drift oo tshwaraganyang lefatshe leno le la Aferika Borwa le tsweletse ka go itemogela kgolo mo mohameng wa temo-thuo.

Nngwe ya dipolase tse di dirang sentle mo lefelong le ke ya JP Roos e e itebagantseng le temo ya merogo, bogolo jang digwere go dirisiwa temo ya nosetso. E re ka merogo e senyega ka bonako, ba polase e, ba agile mafaratlhatlha a setsidifatsi a a tlaa thusang go re merogo e tseye lobaka lo lo leele e sa senyege.  Maiteko a, a opetswe legofi ke puso ka e rotloetsa  Batswana go tsena mo temong ka ditsela tse di farologaneng go dira mebereko le go tswakanya itsholelo. 

Tlhabololo ya mofuta o amogetswe gape ke boeteledipele ba kgaolo ya Tswapong le dikgosi.

“Lefelo la Sherwood le re tshegeditse thata mo kgaolong ya Tswapong ka go re le tlhametse bana ba rona mebereko bogolo jang bomme,” ga tlhalosa jalo Mopalamente wa kgaolo ya Sefhare/Ramokgonami Dr Kesitegile Gobotswang.

Dr Gobotswang o tlhalositse fa mabolokelo a a tlaa thusa go fetlha mebereko le go oketsa thobo ya merogo mo kgaolong ya Sherwood.  A re mabolokelo a tlaa thusa go fokotsa ditshenyegelo ka go oketsa botshelo jwa merogo le go nonotsha go ntshiwa ga dijo mo lefatseng leno.

Dr Gobotswang o lebogetse Tautona Dr Mokgweetsi Masisi tshwetso ya go tswalela merogo e e tswang kwa ntle go nonotsha mohama wa temo-thuo mono gae le go sireletsa Batswana mo go phadisaneng le balemi ba batona ba kwa ntle.  O kopile puso go sekaseka lefelo la Sherwood go le dira motse ka le tsweletse ka go itemogela kgolo ya palo ya batho ee kwa godimo, a re go dira jalo, go ka ba thusa go akola ditlamelo gaufi.

Kgosi Molefhi Tebogo wa Sefhare le ene o iteetse legofi tlhabololo ya mofuta o mo kgaolong ya Tswapong, a tlhalosa fa tsholofelo e le go bona matshelo a Batswana a tlhabologa. 

A re Sherwood e segofaditswe ka mmu oo nonneng e bile o siametse temo.  A re ke sone se kgaolo eo, e tswang goo-lowe e ntsha dijo go thusa go jesa Batswana ga mmogo le go tlhamela Batswana mebereko.

Le fa go ntse jalo a re ele boeteledipele jwa kgaolo ya Letswapo ga ba jesiwe diwelang ke dikgang tse ba di amogelang tsa dingongorego tsa mohiri le modiri ga mmogo le tsa go gataka ditshwanelo tsa babereki.  

O kopile go re puso e tsibogele dikgang tse go baakanya seemo go re mohama wa temo-thuo o tswelele ka go gola. 

Kgosi Tebogo a re beng ba dipolase le bone ga ba jesiwe diwelang ke tshenyo ee dirwang ke babereki, ka e busetsa maiteko a bone kwa morago. 

O kopile Batswana go itshwara sentle le go tlhokomela mabolokelo aa sa tswang go bulwa ka a tlaa  thusa go fetlha mebereko le go oketsa dikatso tsa bone, a tlhalosa fa bodiredi bo lela thata ka dikatso tse di kwa tlase. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : Sherwood

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 18 Mar 2024