Ba Bodiba ba abetswe ditlankana
18 Mar 2024
Dingaka tsa setso, baporofiti le baruti ba santse ba na le karolo e tona mo go tsa botsogo.
Se, se kailwe ke tshimolodiso semmuso ya lekgotla la Leobo la Dingaka, e e neng ya dirwa ke Mothusa Tautona, Rre Slumber Tsogwane kwa Palapye bosheng.
Maikaelelo a lekgotla leo ke go okamela makgotla otlhe a dingaka le baporofiti mo Botswana le go fetola ka fa batho ba lebang dingaka le tiriso ya melemo ya setso ka teng.
Fa a bua kwa moletlong wa go abela maloko a lekgotla la Bodiba a a dirileng ka bokgabane ditlankana ka Labotlhano kwa Serowe, mogolwane go tswa kwa kokelong ya Sekgoma Memorial, Mme Oteng Seleke, o tlhalositse fa lephata la botsogo le ne la tsena mo tumelanong le lekgotla la Bodiba, dingwaga tse di borobabongwe tse di fetlileng, maikaelelo e le go tshwaraganela kalafi ya balwetse.
Mme Seleke o gateletse fa tirisanyo mmogo ya bone e kgonne go dira gore molwetse yo o kwa tengnyanateng a kgone go bona kalafi mme seo se kgonega ka gore maloko a Bodiba a aname kgaolo ya Serowe yotlhe.
“Re lemoga seabe sa lona mo go tsa botsogo, le matlho a rona le ditsebe tsa rona kwa re sa kgoneng go goroga teng. Re lebogela maiteko a le a dirang go tlhatlhoba le go fitisetsa balwetse kwa go rona re le ba botsogo. Go dira jalo fela le somarela matshelo a ba le bantsi,” Mme Seleke a supa.
A re kokelo ya Sekgoma e bone go le maleba go lemoga seabe sa Bodiba ka fa go faphegileng, e le tsela ya go ba rotloetsa go tswelela ba tshwaragana le bone go boloka matshelo a batho.
Modulasetilo wa Bodiba, Rre Olebile Sefemo a re lekgotla la bone le simolodisitswe ka 2015, le itebagantse le botsogo, dingaka, baruti, baporofiti, basebeletsi le babelegise.
Rre Sefemo a re o lebogela kemo nokeng e ba e bonang kwa kokelong ya Sekgoma ka go ba rutuntsha ka tsa botsogo le go tshwara molwetse pele a ka fetela kwa kokelong.
“Ke lebogela dithata tse re di filweng ke ba botsogo, ba re file didirisiwa tse di tlhatlhobang mogare tse e leng gore re kgona go di dirisa fa re belaela molwetse a ka tswa a amegile,” Rre Sefemo a supa.
A re morago ga go tlhatlhoba molwetse, ba romela yo o tlhokang go simolola diritibatsi kwa kokelong.
Rre Sefemo o kopile ba kokelo ya Sekgoma go ruta le go tsibosa babereki ba bone segolo jang baoki le dingaka ka tirisano mmogo fa gare ga Bodiba le kokelo.
A re mo mabakeng a mantsi go nnile le kgotlhakgotlhano fa gare ga bone le baoki ba ba neng ba sa itse fa dingaka tsa setso, baporofiti kana baruti ba na le dithata tsa go tlhathoba molwetse morago ba mo ise kwa go bone.
Rre Sefemo o rotloeditse balwetse go nna ba kopa go bona setlankana se se supang gore ngaka, moruti kana moporofiti yo a mo thusang ke leloko la lekgotla la Bodiba kana lekgotla lepe fela le le welang ka fa tlase ga le le tona la Leobo la Dingaka go itsa go jewa ntsoma. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Patricia Speakson
Location : SEROWE
Event : Tshimolodiso semmuso
Date : 18 Mar 2024