Badiragatsi ba rotloediwa go fetola dikakanyo
17 Mar 2024
Go fetola ka fa ba akanyang le go dira dilo ka teng go ka ungwela badiragatsi ba lefatshe leno tse dintle go akaretsa go ba godisa mo tirong ya bone.
Mookamedi wa Big Dawg Productions Rre Thato Sikwane yo o itsegeng ka leina la DJ Fresh a re go fetola dikakanyo go ka tlhomamisa gore badiragatsi ga ba tswelele ba dira tse di sa ba berekeleng e bile di sa tlise phetogo epe mo matshelong a bone.
Rre Sikwane yo o dirileng thotloetso e kwa Lobatse bosheng jaaka ba ne ba le mo mosepeleng le ba lephata la kgaso wa go batla badiragatsi le go ribolola talente, a re motho mongwe le mongwe o tshwanetse go itshekatsheka go lemoga se se seng botlhokwa se a se dirang, mme a se fetogele go leka mo go ka mmerekelang.
A re go dira jalo go ka dira gore go nne le phetogo mo botshelong, a tlatsa gape ka go rotloetsa badiragatsi le motho ope fela fa ba tshwanetse ba dumela go re ba nale bokgoni jwa go fitlhelela tse ba di eletsang. Mo mafokong a gagwe a kamogelo, ratoropo wa Lobatse Rre Jomo Dithebe o boletse gore toropo eo ke ya ntlha ya Botswana e ditlhabololo ka bontsi di simologetseng mo go yone, mme a boa a supa fa tema ya go tlhabolola talente le bodiragatsi mo banning e setse e simolotse go bonala.
Mogolwane go tswa kwa lephateng la banana, metshameko, bong le ngwao Mme Ipopeng Ledimo a bolela fa mosepele o wa go batla badiragatsi maikaelelo a one e le go ntshetsa badiragatsi kwa ntle gore ba bonwe ba bo ba itsewe.
O ne a akgolela ba ba neng ba ikwadisitse go ya go supa ditalente tsa bone tsa bodiragatsi go bo ba ne ba seka ba ipona tsapa go dira jalo, a re tsholofelo ke gore kgato eo e ba tswele mosola mo tirong ya bone.
O tsweletse a tlhalosa gore bodiragatsi bo ka ntsha maduo a mantle fa bo ka rotloediwa, mme a lebogela DJ Fresh seabe sa gagwe mo go thuseng go bo betla le go bo godisa mo lefatsheng la Botswana. BOKHUTLHO
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : LOBATSE
Event : POTSOLOTSO
Date : 17 Mar 2024