Ba Hilton Garden Inn le Diagnofirm ba abela baithuti ditlhako
17 Mar 2024
Seabe sa mohama o o ikemetseng se botlhokwa mo go rarabololeng dikgwetlho tse di farologaneng, tse di itemogelwang ke setshaba. Mopalamente wa Kanye Borwa, Dr Lemogang Kwape o buile se kwa Kanye ka Labotlhano fa a ne a rolela dikole mpho ya ditlhako tsa sekole di le lekgolo (100 pairs) tsa baithuti tse di abilweng ke ba Hilton Garden Inn le ba Diagnofirm.
Dr Kwape a re mo go mo roleleng mpho eo go e abela dikole, dikhamphani tse pedi tseo di nnile sekao mo go supeng botlhokwa jwa go ema nokeng puso ga mohama o o ikemetseng ka nosi.
O supile fa ditlhako tseo tse di tlaa kgaoganwang ka go lekana ke dikole tse di potlana tsa Gasita, Lorolwane, Selokolela le Gasegwagwa di tlaa thusa baithuti ba go tlaa lemogiwang fa ba na le letlhoko go itshirelela segolo bogolo kgatlhanong le serame ka paka ya mariga e le gaufi.
Mo ntlheng e nngwe mopalamente o rotloeditse dikole go fetola mokgwa o di tshwarang dithoto tsa puso ka go farologana ka teng, a re go tshwarwa botlhaswa ga dikago le didirisiwa di akaretsa ditilo le ditafole ga mmogo le dibuka go busetsa kwa marago maiteko a puso a go tlhomamisa gore mabaka a go rutelwang mo go o ne ke a a amogelesegang.
O boletse fa dikole tse di ikemetseng di nna di le mo seemong se sentle, mme go le thona gore tsa puso di bo di nna di sa kgatlhe ka ntlha ya go sa tlhokomelwa jaaka go tshwanetse ke badirisi ba tsone.
Dr Kwape o ikuetse mo dikoleng go lemoga maitlamo le maikemisetso a a tsepameng a puso a go tlotlomatsa seemo sa thuto, selo se a boletseng fa se supiwa ke bokete jwa madi jo gangwe le gape bo abelwang lephata la thuto ka kgaoganyo ya madi a setshaba.
A re mo ngwageng o o tlang wa madi, lephata la Thuto le Tlhabololo Dikitso le abetswe P15 billion, madi a a kaileng fa a tlaa wela ka motlhobodika fa tse dingwe tse di botlhokwa jaaka go tshwara ka matsetseleko dithoto kwa dikoleng di ka seke tsa dirwa.
Mothusa-modulasetilo wa khansele ya kgaolo ya Kanye, Rre Sebati Kabomo o iteetse moroko mafoko a ga Dr Kwape ka go akgolela mohama o o ikemetseng ka nosi kemo-nokeng ya o ne mo setshabeng.
Rre Kabomo a re go ithaopa go bipa letlhoko la baithuti mo go dirilweng ke ba Hilton Garden Inn le ba Diagnofirm ke selo se sentle se se tshwanetseng sa iteelwa legofi.
Mogolwane wa tsa thuto wa kgaolo ya Kanye, Mme Barulaganye Moseki e ne o tlhalositse fa mpho eo ya ditlhako e tlaa fa baithuti seriti ka go bipa letlhoko la bone.
A re gape e tlaa ba rotloetsa go tshwara ka thata mo dithutong tsa bone ka jaana e tlaabo e ba apotse ditlhong tse di ka bakwang ke letlhoko la bone la ditlhako tsa sekole. BOKHUTLHO
Source : BOPA
Author : Keonee Majoto
Location : KANYE
Event : Kabo dimpho
Date : 17 Mar 2024