Baruti ba ikaelela go lwantsha ditagi
17 Mar 2024
Lekgotla la Baruti kwa kgaolong ya Tsabong le ikaelela go lwantsha tiriso ya ditagi e e ileng magoletsa kwa dikoleng.
Ke ka moo baruti ba boneng go le botlhokwa go thulanya ditlhogo kwa thuto puisanyong e e neng e tshwaretswe kwa Khuis bosheng, go tswa ka maele le ditharabololo go fedisa tiriso ya dinotagi e bontsi jwa baithuti ba inaakantse le yone.
Fa a bua maikaelelo a thuto puisanyo eo, Moruti Nicholas Gabolekane a re ba ikaelela nyeletsa le go tsibosa setshaba ka borai le ditlamorago tsa tiriso ya ditagi bogolo jang mo baneng ba dikole.
Moruti Gabolekane yo e leng modulasetilo wa lekgotla leo o ne a tlhalosa fa baruti ba tshwanetse go nna le seabe gammogo le batsaya karolo botlhe ba ba amegang mo kgodisong ya ngwana jaaka ba boipelego, batsadi, barutabana, baruti, dikgosi le ba bangwe ka jaana ditagi di dirisiwa ke bana ba dikole.
O boletse fa ditagi di ama baithuti ka ditsela tse di farologanyeng go akaretsa go tlhoka botho le boitshwaro jo bo sa amogeleseng mo barutabaneng le batsadi.
A re maikaelelo a bone e le lekgotla la baruti ke go tswelela ba buisanya le boeteledipele le batsaya karolo mo metseng yotlhe e e mo kgaolong eo gore kwa phelelong go nne le maduo a a tlaa ba itumedisang ka go nyeletsa ditagi kwa dikoleng bogolo jang se segolwane sa Tsabong Unified Secondary School (TUSS).
Sebui sa tlotla sa letsatsi leo Kgosi Bothata Botshelong wa Khuis o boletse fa e ne ya re go tsena mo setilong sa bogosi ka ngwaga wa 2016 a simolodisa lekgotla la baruti go mo thusa go etelela pele morafe ba tshwaraganye gammogo le lephata la thuto go tokafatsa maduo a dikole mo kgaolong eo.
Kgosi Botshelong o ne a kgala batsadi bangwe go bo ba sa tlhokomele bana. A re bangwe ba loba badira molato ba ba tlhakanelang dikobo le basetsanyana ba ba kwa tlase ga dingwaga.
Nngwe ya dikgato tse ba di tsereng kwa Khuis ke go otlhaya bana ka thupa fa ba dira botlhoka tsebe, selo se a supileng fa se ba berekela thata ka bangwe jaanong ba itharabologetswe e bile ba tlhwaafalela dithuto tsa bone.
Mogolwane go tswa kwa lephateng la thuto go tswa kwa moding Mme Tebogo Ramodikwana o ne a supa fa go lemosegile fa bana ba dikole tsotlhe , tse dipotlana le tse dikgolwane mo kgaolong ya Tsabong ba tshwakgotswe ke dinotagi le metsoko ya disikarete. Mme Ramodikwana o ne a tswelela ka go tlhalosa fa go simologa ka Term 3 mo ngwageng oo fetileng go fitlha mo nakong eno ba ba tshwerweng ka ditagi ba le barataro fa ba ba gogang metsoko ba le masome a mabedi le boherabobedi mme pelaelo e le gore go ntse go na le ba le bantsi ba ba sa ntseng ba ise ba tshwarwe.
O ne akgola ba lekalana la Botswana Substance Abuse Support Network (BOSASNET) ka e le ba lephata la thuto ba tshwaraganetse bana le bone go ba thusa go fokotsa dipalo tsa tiriso ya dinotagi le metsoko ka gore bangwe jaanong go lemosegile ba setse ba tshwakgogile.
O boletse fa ba tshwenngwa ke boimana jo bo diragalang gantsi fa dikole di tswetswe mme batsadi ba na le seabe ka go tlhoka go kgalemela le go tsaya boikarabelo ka go tlhokomela bana le gone go kgatlhegela go itse metsamao ya bana le ditsala tsa bone.
Rre Eric Masilo go tswa mo lephateng la dikgolegelo kwa Tsabong o ne a gakolola batsena dipuisanyo tseo go gagamatsa mo go tsenyeng bana mo tseleng go iphapha mo tirisong ya ditagi ka ba ka felela ba tsena kgolegelo ba sa le bannye.
Rre Masilo o boletse fa ditlamorago tsa dinotagi fa di sa tsibogelwe nako e le teng go ka rontsha lefatshe babusi ba isago ka bana ba ka felela ba fetoga dirukutlhi tse di padileng go dira melato e akaretsa petelelo, polao, le go kgothosa ka dikgoka .
Fa a amogela baeng Kgosi David Toto II wa Tsabong o ne a supa fa bokopano jwa baruti bo le mosola ka go go abelana megopolo go nyeletsa gotlhelele ditagi ka seeme se setse se tsere phekelo e sele mo Kgaolong eo.
Kgosi Toto II o boletse fa jaaka e le baeteledipele e le matlho a ga setchaba ebile ba tshwanetse go tsibogela tsotlhe tse di sa siamang gore kwa phelelong go rene thokgamo le kagiso le gone go aga setshaba se se bopaganeng ka nako tsotlhe.
O buile a sa kgwe mathe ka bangwe batsadi ba ba tsweletseng ka go rekisetsa bana ditagi a supa fa go dira jalo e le go tlhoka boikarabelo mme a kgothatsa ba-na-le seabe go tshwaragana le go tshwara dilalome tseo gore ba kgone go tseelwa dikgato tse di maleba.
Mme Nonofo Mogomotsi go tswa BOSASNET o ne a tlhalosetsa batsena dipuisanyo tseo go ikgolaganaya le lekalana la bone go thusa bana ka tshidilo maikutlo le gone go tlogela gotlhelele tiriso ya dinotagi le metsoko. Fa Rre Ofentse Kemoabe go tswa DHMT a tlhalositse ka ditlamorago tsa tiriso botlhaswa ya ditagi mo baneng, batsadi le setshaba ka kakaretso.
Ba Lekgotla la baruti ba ne ba supa fa e tlaare mo nakong e e tlang ba laletse bana go tsena bokopano jwa mofuta. BOKHUTLHO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : PUISANYO
Date : 17 Mar 2024