McConnel o babalelwa ke mosuke
13 Mar 2024
Go sha ga matlo a boroko jwa baithuti ba sekole se segolwane sa Nata, go okeditse mosuke kwa sekoleng se segolwane sa Tutume McConnell College.
Mogokgo wa Tutume McConnell College, Rre Watson Basoli o ledile kwa phuthegong ya batsadi le baithuti ba ba simololang lekwalo la bone kwa sekoleng seo ka Labobedi.
Rre Basoli a re e re ka matlo a boroko a basimane kwa sekoleng sa Nata a dikile a shele, ba amogetse palo ya basimane ba le masome mane le boroba bongwe go tswa Kachikao go dira lekwalo la bone.
A re seo se okeditse palo e ba ntseng ba e tsaya ka ba setse ba amogetse baithuti ba lekwalo la bone ba le makgolo a le borobabobedi le masome a matlhano le borobabongwe.
O boletse fa kwa matlong a boroko a basetsana go le mosuke o o ngomolang pelo, fa kwa letlhakoreng la basimane gone go siame.
A re mathata ke tshenyo e e dirwang koo mo e bileng go le makgasa go sa lebege.
O ne a tlhalosa fa dikamore dingwe di sena mabati.
O ne gape a lela ka tlhaelo ya ditilo le ditafole le tsone dibuka tota.
Mogokgo o kopile batsadi go thusa fa ba ka kgonang teng go bona gore baithuti ba bona dibuka fa ba santse ba letile thuso go tswa kwa pusong.
Mogokgo o ne a bua a sa kgale mathe ka boitsholo jwa baithuti, a supa fa banana ba dira ditiro tse di duleng mo tseleng e bile ba sena ditlhong mo bangwe ba kgonang go robalana mo matlong a borutelo ka nako ya sekole.
A re go dira jalo go itaya ba ba tlhoafaletseng go ithuta tsebe.
O gwetlhile batsadi go bua le go laya bana ba bone, a gatelela gore e le botsamaisi jwa sekole, ga ba na go letla mekgwa eo e e bosula ya botlhokatsebe, mme ba tlaa diragatsa le go sala morago melawana ya thuto.
O ne a kopa batsadi go tshwaraganela le go rotloetsa thuto mo baneng ka go nna ba etela sekole.
Rre Basoli a re ka tshwaragano le tirisanyo mmogo, ba ka kgona go betla ngwana go nna le isago mme maduo a tokafale go bo go solegele lefatshe molemo.
Mogokgo o ne a sedimosetsa batsadi ka thulaganyo e ntsha ya ba Lephata la Thuto ya Outcome Based Education (OBE).
A re ke thuto e e tlaa reng ngwana a e ithutile, morago a kgone go itsweledisa go itshetsa.
O boletse fa sekole sa gagwe sone se abetswe tsa temo go ya ka thulaganyo eo.
A re seo se raya gore baithuti ba ya go rutwa ka temo e e tshwanang le e e diragalang kwa Pandamatenga, selo se a kaileng se tlaa ntsha dialogane tse di tlaa jesang lefatshe.
Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana, Rre Phorego Gulubane a re batsadi bangwe ba baithuti ba ba nnang mo sekole ba na le mokgwa wa go kopa le go etela ngwana kgapetsakgapetsa, mo go felelang go kgoreletsa moithuti le bone barutabana tota.
O kopile batsadi go emisa mokgwa oo mme ba etele bana ba bone fela fa go tlhokafala.
Rre Gulubane o tlhalositse fa kgwetlho e ba nang le yone e le ya batsadi ba ba sa ntsheng lemme le le dirisiwang go reka dithoto tse di tsamaisang sekole.
A re madi ao a thusa thata ka ba kgona go reka motshine o o ntsifatsang dipampiri le go ntsha bontlha bongwe go thusa mo kagong ya ntlo ya tshidilo maikutlo.
Fa a itebaganya le batsadi, o ne a re go ikgatholosa tiro ya bana ga batsadi ke ntlha nngwe e e digang maduo a baithuti.
O supile fa seemo seo se dira gore barutabana ba felele ba supiwa ka monwana fa bana ba sa dira sentle mo dithutong.
Ka jalo a re motsadi yo o tshwaraganang le sekole o ka kgona go lemoga dikgwetlho tsotlhe tse di kgoreletsang tsamaiso ya thuto. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : TUTUME
Event : Bokopano
Date : 13 Mar 2024