Modukanele o akgolela District AIDS Coordinating office ditlamelo
12 Mar 2024
E setse e le ngwaga wa boferabobedi ofisi ya bogokaganyi jwa ditirelo tsa HIV/AIDS kwa Palapye (District AIDS Coordinating office), makalana le dikomiti tse di nang le seabe, di tsweletse ka go isa ditlamelo tsa botsogo kwa badiring ba dipolase tsa Tuli Block.
Fa a bua ka Matlhatso kwa Sheerwood ka letsatsi la go isa ditlamelo tsa botsogo kwa badiring ba dipolase, Mopalamente wa Lerala/ Maunatlala, Rre Setlhabelo Modukanele o akgoletse barulaganyi ba letsatsi gore ba bo ba sa ipone tsapa.
Dithuso tse di neng di le teng, di ne di akaretsa thuto ka kankere ya molomo wa popelo le bolwetse jwa sukiri, madi a a kwa godimo, tlhokomelo ya meno, mogare wa HIV le malwetse a mangwe.
Letsatsi leo le ne gape la natetshiwa ka motshameko wa kgwele ya dinao, go tswa kwa ditlhopheng tsa badiri ba dipolase.
Rre Modukanele o akgotse beng ba dipolase tsa Tuli Block seabe sa bone mo go tsa botsogo, a re se, se supiwa ke gore ba bo ba golotse badiri go tla dithutong tsa botsogo e bile ba na le dingwaga ba dira jalo. A re letsatsi leo, le botlhokwa ka ditlamelo di a bo di atameditswe badiri ba dipolase.
Rre Modukanele a re kgaolo ya Sheerwood le dipolase tse di mabapi ke mangwe a mafelo a a katogileng ditlamelo tsa botsogo, ka jalo go na le kgonagalo ya gore banni ba mafelo ao, ba tlhoke ditlamelo dingwe, ke sone se ba boneng botlhokwa jwa go nna ba ba etela. O tlhalositse fa a itumedisiwa segolo bogolo ke dipalo tse di neng di tshologetseng letsatsi leo, a tlhalosa fa badiri ba dipolase le bone ba itemogetse botlhokwa jwa lone.
Rre Modukanele a re seo, se tshwanetse se gwetlhe barulaganyi ba letsatsi gore ba seka ba emisa go le tshwara.
Mothusa morulaganyi wa ditirelo tsa HIV/AIDS, Rre Obusitswe Pitlaganno o tlhalositse fa maikaelelo a letsatsi e le go isa ditlamelo kwa setshabeng.
A re ba tsaya malatsi a beke a le marataro go neela badiri ba dipolase ditlamelo mme ba dira tiro eo ngwaga le ngwaga.
E ne e rile go le pele, mothusa kgosi ya Lerala, Kgosi Ookeditse Shaw a supa fa badiri ba dipolase mo gongwe ba sa kgone go latela ditlamelo tsa botsogo kwa metseng e e gautshwane ntateng ya letlhoko la dipalamo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : SHEERWOOD
Event : Tsa botsogo
Date : 12 Mar 2024