Kgosi o akgola badiri ba Kgari Sechele
12 Mar 2024
Kgosi Kgari Sechele III wa Bakwena o akgotse barutabana, batsadi le baithuti ka maduo a a itumedisang a lekwalo la botlhano.
Fa a bua ka Mosupologo kwa kgotleng kgolo ya Bakwena, Kgosi Kgari o supile fa ene gammogo le Bakwena ba itumeletse go tokafala ga maduo.
A re go matshwanedi gore ba itumele ka ba dirile ka natla go tokafatsa maduo a sekole se segolwane sa Kgari Sechele.
Kgosi Kgari a re maduo ga se selo se se tlang motlhofo, se tlhoka barutabana, baithuti le batsadi go dira mmogo gore ba kgone go fitlhelela maitlamo a bone.
O supile fa katlego e supa gore phetogo ya maduo e dirile popagano le tshwaragano ya batsadi le barutabana.
Kgosi Kgari a re barutabana ba tshwanetse go akgolwa ka ke bone ba tsayang nako e ntsi ba na le bana kwa sekoleng e bile ba ba itse botoka le go dira sentle ga bone.
O ba rotloetsa go tswelela ba dira ka natla jaaka maduo a bone a supa go tshwana le ka ngwaga wa 2020, fa ba ne ba tsaya maemo a masome a mabedi le boferabobedi, ka 2021 ba tsaya maemo a masome a mabedi, 2022 maemo a lesome le borataro mme mo ditlhatlhobong tsa 2023 ba tsaya maemo a boraro.
Kgosi a re se, se supa gore ba tshwere ka natla mo tirong ya bone e bile ba e dira ka botswerere.
A re baithuti le bone ba ititeile sehuba gore ga ba kitla ba tlhabisa batsadi ditlhong mme ba kopa gore ba iteke go fitlhelela maemo a ntlha mo ditlhatlhobong tse di tlang.
Mogokgo Mosa Kebobone o supile fa ba bone go tshwanela gore ba tle go bega maduo kwa kgotleng ka jaana sekole se bidiwa ka leina le legolo mme le tshwanetse la tlotlwa le go fiwa seriti se se le tshwanetseng.
A re ba ne ba patelesega go gagamatsa mo tirong le go dira ka natla gore ba ntshe maduo ba seka ba swabisa Kgosi Kgari.
Mme Kebobone o gorogile kwa Kgari Sechele ka 2021 a fitlhela maduo le maitseo a bana di sa kgatlhise mme seo sa pateletsa gore go baakanngwe seemo.
A re ba ne ba bua le bagolwane ba thuto, mopalamente, Rre Kabo Morwaeng, batsadi le dikgosi mme ba ba atla le go ba thusa.
Mme Kebobone a re mo maduong a lekwalo la botlhano, ba ne ba solofetse go nna mo go ba ntlha ba ba lesome mme go diragetse go feta foo.
A re o dumela gore go tla mo kgotleng, ba tsile go segofala mme mo ngwageng o o tlang ba tlaa tsaya maemo a ntlha.
Mme Kebobone o lebogetse kemo-nokeng ya Bakwena ba ba neng ba sa ipone tsapa go bereka le bone.
Mookamedi wa lephata la Thuto kwa Kweneng, Rre Steven Bothasitse o kaile fa ba itlamile gore mo ngwageng o o tlang ba ya go tsaya maemo a ntlha.
A re batsadi ba bana ba Kgari Sechele ba eme ka dinao go thusa barutabana gore baithuti ba dire sentle mo dithutong tsa bone.
Rre Bothasitse a re fa batsadi ba tsaya boikarabelo jwa bana, tiro ya barutabana e nna motlhofo.
A re baithuti ba Kgari Sechele ba ne ba itsewe ka dilo tse di sa kgatlheng le maitsholo a e seng one mme seo se fetogile ka bogosi, mopalamente le Bakwena ka kakaretso ba ba eme nokeng go tokafatsa maduo a Kgari Sechele le tse dingwe mo kgaolong.
Rre Bothasitse a re badiri ba Kgari Sechele le bagolwane ba thuto kwa kgaolong, ba tsere tshwetso ya go ya Swakopmund kwa Namibia go itebogela tiro e ntle e ba e dirileng.
E rile a afa malebo, mohumagadi wa ga Tona Morwaeng, Mme Phondy Morwaeng a akgola tiro e ntle e e dirilweng ke barutabana, a supa fa le ene a kile a ruta mo Kgari Sechele.
A re maduo a ba tlotlomaditse e bile ba boetse mo serodumong se Bakwena ba itseweng ka sone.
Mme Morwaeng a re Kgari Sechele e ba dirile motlotlo mme tema e segegile go ya pele gore maduo a tswelele ka go tokafala ngwaga le ngwaga. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : MOLEPOLOLE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 12 Mar 2024