Itshetseng SACCOS e rotloetsa tokafatso maduo kwa dikoleng
12 Mar 2024
Lekalana la koporase ya Itshetseng SACCOS la Lobatse le akgoletswe seabe sa lone mo go rotloetseng maduo a mantle a dikole.
Kakgolo e, e dirilwe ke mogolwane wa tsa madi kwa lephateng la dikoporase Mme Lorato Tjikwakwa bosheng, fa a ne a simolodisa semmuso maitlamo a ba Itshetseng SACCOS a go rotloetsa thuto ka go lemoga sekole se se gaisitseng tse dingwe ngwaga le ngwaga mo go tse dipotlana tsa Lobatse.
O boletse fa Itshetseng SACCOS e diragatsa lengwe la matshego a dikoporase la go supa go kgathala ka tse di tlhokwang ke setshaba, a re go itlama ga lekalana la Lobtase go tsaya karolo mo go tokafatseng maduo a baithuti kwa dikoleng ke selo se sentle ka jaana seo se tlaa thusa go betla bokamoso jwa baeteledipele ba kamoso.
Mme Tjikwakwa o ne a akgola sekole se sebotlana sa Pitikwe, e leng bone bagaka ba ditlhatlhobo tsa lekwalo la bosupa ba ngwaga o o fetileng, a re seo se supa fa ba ne ba bereka ka thata.
Go sale foo o tsweletse a akgolela sekole se sebotlana sa Maitlamo go bo se tokafaditse maduo a sone, a re seo se supa fa go kgonega gore maduo a a batlwang a bonwe.
E rile a tswa la gagwe, mogokgo wa Pitikwe Mme Nsiiwa Mbisana o supile fa ba bereka ka matshego a mararo e bong baithuti, barutabana le batsadi, a tlhalosa fa tshwaragano eo e ntsha maduo a mantle.
Mme Mbisana o ne a leboga ba Itshetseng SACCOS le ba ba tshwaraganetseng tiro eo nabo ba Old Mutual go bo ba itlamile go lebagana le go rotloetsa baithuti go dira bontle mo dithutong.
Ratoropo wa Lobatse Rre Jomo Dithebe o lebogile ba Itshetseng SACCOS go bo ba lemogile botlhokwa jwa go tokafatsa maduo kwa dikoleng.
A re mo go direng jalo ba diragatsa maikaelelo a mokgosi o o tlhabilweng keTautona wa gore go fetolwe dikakanyo tebang le ka fa dilo di dirwang ka teng.
Mo maemong a ntlha, sekole sa Pitikwe se ne sa ikgapela seetsele le P3 000, fa baithuti botlhe ba ba fentseng ditlhatlhobo ka maemo a ntlha ba abetswe dibeke tsa sekole.
Sekole se sebotlana sa Newlook, se se neng se loma sa Pitikwe serota sone se abetswe P2 000 se latelwa ke sa St Theresa le sa Maitlamo ka P1 000 sengwe le sengwe sa tsone.
Barutabana ba le bane ba ba dirileng ka bonatla le botswapelo go tswa kwa Pitikwe le bone ba ne ba abelwa P1 000 mongwe le mongwe wa bone.
Sekole se sebotlana sa Maitlamo sone se ne gape sa abelwa ditlhako tsa baithuti tsa sekole di le masome mane le bongwe tse di tlaa abelwang baithuti ba ba nang le letlhoko. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : LOBATSE
Event : Tshimolodiso semmuso
Date : 12 Mar 2024