Breaking News

Bomme ba rotloediwa go emisa lefufa

11 Mar 2024

Bomme ba rotloeditswe go latlha mokgwa wa go fufegelana, go sebana le go nyatsana, ka mekgwa eo e ka kgoreletsa kgatelopele le go diragatsa boikarabelo jo Modimo a ba tshephileng ka jone.

Bomme ba ne ba gwetlhwa go emana nokeng gore ba nne le tshiamelo ya go iphataphatela go kgona go tlhabolola matshelo a bone, selo se se ka ba kgontshang go itshetsa le ba malwapa a bone le go tsholetsa itsholelo ya lefatshe.

Se se builwe ke dibui ka go farologana kwa letsatsing la mafatshefatshe la bomme, le le neng le rulagantswe ke lekalana la mokgatlho wa Mosadi Letlotlo  la Mulambakwena kgwedi eno e fera bongwe.

Ba ne ba re go tsholetsana le go emana nokeng ga bomme, go ka tsholetsa boleng le serodumo sa bone, ba kaya fa bomme e le mabogodika ka e le bone pinagare, thari ya setshaba, batshwara thipa ka fa bogaleng mme e bile ba di goga kwa pele mo go ageng setshaba.

Mopalamente wa Tati Bophirima, Rre Simon Moabi o supile fa bomme ba na le tebelopele, e e ba bayang mo maemong a go nna le boeteledipele jwa tlhwatlhwa go gaisa borre.

O ne a akgola Tautona Dr Mokgweetsi Masisi ka mowa wa gagwe wa go rwesa bomme boikarabelo jwa maemo a a kwa godimo mo maphateng le makalana ka go farologana, a supa fa bomme bao ba diragatsa boikarabelo jwa bone ka bokgabane.

Le fa go ntse jalo, mopalamente o supile go tlhoka go itumela tebang le mafoko a gantsi bomme ba a dirisetsang ba bangwe fa ba emetse maemo a a phadisanelwang.

Rre Moabi a re bomme ba na le mokgwa wa gore e re bangwe ba leka go emela maemo, ba bo ba ba nyatsa, ba ba nyenyafatsa le go ba kgoba ka mafoko a a ka ba nyemisang moko.

Mopalamente Moabi a re bomme ba tlhaloganye fa botshelo bo itirelwa, ka moo ba rotloetse bana ba bone go inaakanya le mananeo a puso go itirela sengwe sa itshetso, a supa fa puso e ka seke e kgone go fetlha ditiro tse di ka lekanang Batswana botlhe.

Modiri go tswa kwa ofising ya ga molaodi wa Bokone Botlhaba, a lebagane le tsa nyeletso lehuma, Rre Daniel Thako o ne a supa fa methale ya khumo e bomme ba ka e dirisang e le mentsi, mme e tlhoka bone go tsaya kgato ya go e latedisa.

O gwetlhile bomme go itshekatsheka, go bona se ba ka se itirelang mo botshelong.

A re lentswa go kwatabolotsa mo go ba bangwe go siame, fela ba seka ba baya sebete mokgwa wa go kopa ka fa bangwe ba tsamaisang dikgwebo ka teng.

Rre Thako o ba gakolotse go etela diofisi tsa puso, go batla bogakolodi jwa ka fa ba ka godisang dikgwebo ka teng, a tlatsa ka go re ba dire dithoto tsa bone ka tsela e di ka kgatlhisang, go ngoka leitlho la bareki.

Mooki kwa kokelong ya Masunga, Mme Godiramang Rachaba o boletse fa seabe sa bomme se ka isa lefatshe golo gongwe.

A re ke ka moo Modimo a ba tlhodileng ba le palo e e fa godingwana fa ba bapisiwa le borre.

 Le fa go ntse jalo, a re bomme ba lebanywe ke dikgwetlho tse di akaretsang malwetse a tshwana le kankere, segolo jang ya molomo wa popelo e a boletseng e gapa matshelo a bomme ka dipalo tse di kwa godimo.

Ka moo, Mme Rachaba o ne a gwetlha bomme go tsibogela botsogo jwa bone ka nako, a ba gakolola go nna ba etela dikokelo go tlhatlhobela kankere le fa ba sena dikai tsa yone.

Dr Nancy Chaitezvi, yo o tlholegang kwa Tsamaya, o tlhalositse fa a tlhamile mokgatlho wa Mosadi Letlotlo ka 2022, mme mo nakong eno o na le makalana a le mabedi e leng lekalana la Mulambakwena le la Tsamaya.

A re maikaelelo a magolo ke go nonotsha bomme gore ba kgone go itshetsa ka go itirela ka diatla, a tlhalosa fa a dira jalo ka mowa wa lerato ntle le tefo epe.

Mme Chaitezvi a re o lemogile gore fa bomme ba iphataphatela ga se gantsi ba tshabelelwa ke kgokgontsho, ka ba abo ba ikemetse ka dinao ba sa ikaega mo bangweng, selo se a boletseng se ba thusa gore ba seka ba itshokela marato a a nang le kgokgontsho.

A re keletso ya gagwe ke go bona metse yotlhe ya Bokone Botlhaba e na le ditlhopha tse di tlhaga tsa bomme ba ba itirelang sengwe sa itshetso.

Mokhanselara Mbaakanyi Smart o kaile fa dingwe tsa tlholego le matlakala mangwe, e le tse bomme ba ka di nwang moro.

O bile a leboga ba mokgatlho wa Mulambakwena ka go bo ba sa swabisa Mme Chaitezvi, ka jaana ba santse ba semeletse mo maitlamong a bone.

Mo mafokong a gagwe a kamogelo, Kgosi Elliot Nkhwanana wa Mulambakwena o ne a gatelela botlhokwa jwa bomme.

A re Modimo o ba tshepile ka gotlhe mme a ba neela thata ya go tshegetsa masea mo sebopelong pele a goroga mo lefatsheng le le ka kwano.

Kgosi Nkhwanana a re fa ngwana a sena go tsholwa, mme o tsaya boikarabelo jotlhe jwa kgolo ya gagwe le fa a godile tota.

Ka jalo a re ga a dumele go na le ope yo o ka supang fa a ise a nne le kamano epe le mme mo botshelong jwa gagwe.

Ka jalo, a re bomme ba tshwanetse ba fiwa tlotlo le ditebogo tsotlhe tse di ba tshwanetseng.

Kgosi o ne a kopa ba ba iseng ba ikwadisetse ditlhopho go ikwadisa mo ikwadisetsong ditlhopho ya tlaleletso, e e tlaa welang kgwedi eno e le lesome le botlhano. ENDS

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : MULAMBAKWENA

Event : letsatsi la mafatshefatshe la bomme,

Date : 11 Mar 2024