Breaking News

Kgosi wa pele wa Malatswae o bolokilwe ka Matlhatso

11 Mar 2024

Matshwititshwiti a batho a ne a tshologetse phitlho ya kgosi ya pele ya Malatswae kwa kgaolong ya Legare, Rre Mahalapye Mongwato, ka Matlhatso.

Kgosi Mongwato, yo o neng a le dingwaga di masome a a ferangbongwe le borataro, o tlhokafetse Tlhakole a le masome mabedi le bosupa kwa kokelong ya Sekgoma Memorial kwa Serowe morago ga go lwala ka bokhutshwane.

Dibui kwa phitlhong di ne di sa kgale go bua ka bonolo jwa ga kgosi le dinyao tsa gagwe. 

Ba kaile fa a ne a rata go bua sengwe le sengwe se se mo mafatlheng a gagwe a sa boife sepe. 

Go ya ka Kgosi Opelo Disang yo o okametseng metse ya Malatswae, Dimajwe le Mmashoro, Kgosi Mongwato o tlhokafetse morago ga go direla Malatswae ka bonatla le botswerere.

Kgosi Disang o kaile fa Kgosi Mongwato a tlhokafala jaana e le kgosana ya tetlanyo. 

O boletse fa dikgosi tsa tetlanyo di ne di le nne fela kwa Malatswae jaanong go tlhokafetse tse pedi.

A re Kgosi Mongwato e ne e le motho yo o dinyao thata e bile a dira dilo ka tsela e e pharologanyo.

A re sengwe sa dilo tse di neng tsa tumisa Kgosi Mongwato ke kgang ya gore o kile a bolela fa a atlholela mongwe leso, selo se se neng se fetile dithata tsa gagwe.

Kgosi Disang a re o ne a botsa Kgosi Mongwato gore ke eng a ne a dira jalo, mme karabo ya nna gore mosekisiwa o ne a tshwenya thata ka melato e mentsi mo lekgotleng la gagwe, ka jalo a mo atlholela leso.

A re o ne a mo atlholela leso gore a tlhajwe ka segai ke monna mongwe wa motse gore a swele ruri a seka a tlhola a mmona mo lekgotleng la gagwe.

Le gale Kgosi Mongwato o ne a gakololwa ke mapodisi le bakwaledi ba nako eo gore ga a na dithata tsa go atlholela motho leso.

Mongwe wa baagedi ba ntlha kwa Malatswae, Mme Bibilia Mosenyi, o tlhalositse fa kgosi e ne e le setswerere sa mmino wa Seperu le mebino e mengwe.

Mme Mosenyi o kaile fa ka nako tse letsomo le neng le letlelelwa, kgosi e ne e le mogaka kwa go tsomeng diphologolo tsa naga, mme e bile o ne a sa boe kwa nageng a sa bolaya sepe.

A re le mororo a ne a sa itewa seatla, o ne a rata thuto thata mo a neng a ntsha dimpho go rotloetsa bana ba sekole se sebotlana sa Malatswae go ithuta.

Rre Robert Mosupiemang, kgosana ya Gammapitse kwa Serowe, o tlhalositse fa Kgosi Mongwato a ne a itse go katisa dipitse le dikgomo. 

O tlhalositse fa a ne a le pelotelele e bile a le bonolo.

Kgosi Nagano Martin wa Paje ene o kaile fa a kile a bereka le Kgosi Mongwato kwa Malatwae pele ga a nna kgosi kwa Paje.  

A re Kgosi Mongwato o ne a ipitsa ka mainaina jaaka bo Palapye, Suapan, Motswere le Palaroad.  ENDS

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : MALATSWAE

Event : PHITLHO

Date : 11 Mar 2024