Breaking News

Rappelspan o ipela ka bana

11 Mar 2024

Lerole le ne le beta kolobe, mpaatshane a kgaogela boatleng jaaka fa sekole se sebotlana sa Rappelspan mo kgaolong ya Tsabong se ne se ipelela maduo a mantle le go itlhoma kwa setlhoeng gareng ga dikole tsotlhe mo lefatsheng leno.

Mogolokwane o ne o sa kgaotse kwa sekoleng sa Rappelspan ka Labotlhano go ipelela baithuti ba le baratato ba botlhe ba tsereng A.

Moeteledipele wa lephata la thuto mo Kgalagadi, Mme Maipelo Kesenye o lebogile segolo bogolo ba lephata la dikgaolo le tlhabololo magae ba ba tlhokometseng dikole.

 A re sekole seo se dirile bontle thata, ka jalo o ne a rotloetsa dikole tse dingwe go tsaya malebela mo sekoleng seo.

Sekole sa Rappelspan se ne se phadisanela seetsele sa BORAVAST cluster se se akaretsang dikole tsa Bokspits, Rappelspan, Vaalhoek le Struizendam, mme ba itlhoma kwa pele mo kgaolong yotlhe ya Kgalagadi le Botswana otlhe.

 Mme Kesenye a re ‘mabogo dinku a a thebana’ mme e bile ‘setshwarwa ke ntsa pedi ga se thata,’ ka jalo o lebogile batsaya karolo botlhe mo thutong mo motseng oo a supa jalo gore ba Rappelspan ba kgonne maduo ka gore ba ne ba fetola ka fa ba dirang dilo ka teng mme seo sa ba tsisetsa maduo a mantle mo lekwalong lwa bosupa la 2023.

Mogokgo wa sekole seo Mme Anna Mokgethe a re ba ipela ba kanotse dihuba ka maduo ao mme thata-thata ba ipelela batsadi go tsaya karolo mo thutong ya bana ka ba ne ba eme sekole nokeng ka dinako tsotlhe.

O ne a supa gore motse wa Rappelspan o monnye mme o dirile diaba.

Morutabana yo o ntshitseng maduo ao Rre Poloko Letlotlo a re bana bao ba sale ba itshupa gore ba botlhale go tswa kwa mophatong wa bone mme a ikaelela go ba tshwara fela jalo.

O supa gore ba ne ba rutwa ke barutabana ba ba farologanyeng mme ba ne ba tshwere ka mokgwa o le mongwefela.

A re bangwe ba baithuti ba ne ba na le go ya tlase ba tsaya B mme ba ba gagamaletsa setoropo ba tshwaragane le morafe ka fa tlase ga village academics committee e e eteletsweng pele ke kgosi go ba busetsa mo tseleng.

Rre Letlotlo a re go ntsha maduo a mantle ga se mme mphe bogobe, ka jalo o ne a kopa maele le matsekane mo baeteledipeleng ba gagwe go tshwara tiro eo ka matsetseleko a a kwa godimo.

O supa gore ba ne ba gagamaditse thata ka bogogi jwa sekole le jone bo ne bo ba lekola kgapetsakgapetsa go bona gore a tiro e a dirwa mme e bile seo se ne se tsewa ka tlhoafalo ka gore go ne go tsenwa diphuthego beke le beke go itsa gore morutabana a itebale.

 A re tiro ya bana e ne e tlholwa kgapetsakgapetsa, mme e bile fa bana ba itlhokoletsa go kwala ditlhatlhobo ba ne ba tsenngwa mo serubing ka Lwetse ngogola mme batsadi ba ne ba koleka madi go ba rekela dijo le go ba apeela fa ba tlhantlhetse mo dithutong. 

Godimo ga moo, a re ba ne ba dirisa gape bana ba ba fatlhogileng ba pele ba sekole seo go tlhatlhelela bomonaabone.

O ne a supa gore village academic committee e nnile le seabe se segolo mo maduong ao ka ba ne ba eme ka dinao bosigo le motshegare.

A re boeteledipele jwa sekole seo bo ne bo rotloetsa baithuti ka go abela bana le barutabana dietsele fa ba dirile sentle mme seo se thusitse thata mo go ba rotloetsa.

Mokhanselara wa Vaalhoek/Rappelspan, Rre Phillipus Morerwa o akgoletse morafe, barutabana le bana go ntsha maduo.

O ne a gakolola gore go tshwanetse ga lwantshiwa tiriso botlhaswa ya bana mo tlhakanelong dikobo mo go kekelang, go ima ga banana ba sale mo sekoleng, dinotagi, ka jalo o ne a kopa botlhe go tsaya boikarabelo mo kgodisong ya bana.

Mokhanselara Morerwa a re o tshwenngwa thata ke gore bana fa ba dirile bontle mo dikoleng tse dipotlana fa ba tsena mo dikoleng tse dikgolwane ba simolola go wela tlase mme seo se tshwanetse sa tsenngwa leitlho le le ntshotsho, sa baakanngwa.

 A re o tlaa tswelela a rotloetsa phadisanyo ya maduo a BORAVAST cluster ka go ntsha kgomo ngwaga le ngwaga go jewa mo moletlong jaaka a tsweletse a dira mo meletlong eo yotlhe.

Morotloetsi mogolo wa dietsele tsa BORAVAST cluster yo e leng mothusa mogokgo kwa sekoleng se sebotlana sa Kang, Rre Boago Sebobi a re o simolotse kabo dietsele eo go rotloetsa dikole tsa metse eo go iteisanya borathana e le tsela nngwe ya go rotloetsa tokafatso maduo mo kgaolong.

O ne a supa gore o rutile kwa Bokspits ka lebaka le le leele mme o ne a iphesa go rotloetsa tokafatso maduo ka go dira moletlo oo ngwaga le ngwaga mo dingwageng di le lesome.

O ya go wetsa ka 2026.

A supa gore go ipelelwa kwa sekoleng se se itlhomileng kwa pele ga metseng ya BORAVAST cluster.

Sebui sa tlotla sa letsatsi leo go tswa kwa lephateng la Diphologolo le Makgabisa Naga Rre Nicolas Van Neel o akgoletse baithuti go dira bontle mo maduong a 2023.

A re sekgele mofufutso wa phatla le gore maduo a mantle ga a tle motlhofo mme e bile seo ke phitlhelelo e kgolo ya sekole se se mo motseng o o kgakala le ditlamelo.

Ka jalo o ne a rotloetsa baithuti go tshwara ka natla gore ba tswelele ba dira bontle le mo dikoleng tse dikgolwane.

Rre Van Neel o ne a ba gakolola go ikgatholosa go dira tse di duleng mo tseleng jaaka nnotagi, go goga motsoko, go gogwa ke babangwe ka tsebe ba ba dirisa tse di bosula, go ima ba sale banana le go ikgatholosa maitiso a masigo lee nnotagi ka seo se ka ba dia go ithuta.

A re go botlhokwa go fetola maikutlo, dikakanyo, megopolo le ka fa go dirwang dilo ka teng. 

Rre Van Neel o ne a supa gore lefatshe leno le gogela kwa go nneng la itsholelo e e kwa godimo mme seo se simolola ka go ntsha maduo a thuto a boleng jo bo rileng. BOPA

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : RAPPELSPAN

Event : Ipelo

Date : 11 Mar 2024