Breaking News

Kgosi o leboga Bakwena go tlotla MmaTumagole

10 Mar 2024

Bakwena ba lebogetswe go tlotla mohumagadi wa ga kgosi ka go mo direla letsatsi la matsalo mo go kgethegileng e bile go dirwa ka letsatsi la mafatshefatshe la bomme.

Seo se tlhalositswe e le tlotla e kgolo thata e e lebosegang go menaganye le ka tsone dimpho tse ba di neetseng mohumagadi Peggy Sechele yo o tlwaelesegileng ka la mma Tumagole.

Kgosi Kgolo ya Bakwena Kgosi Kgari III o buile se ka Labotlhano ka letsatsi la mafatshefatshe la bomme le le neng le keteka le matsalo a mohumagadi wa gagwe kwa Molepolole

A re go bo Bakwena ba ne ba tsaya tshwetso ya go mo direla matsalo ka letsatsi la bomme la mafatshefatshe go supa lerato le seabe se a se direlang Bakwena le Batswana ka kakaretso.

O ne a supa fa bomme lefatshe ka bophara ba na le seabe se segolo mo go ageng setshaba, go godisa bana le go bereka ka natla mo ditirong ka go farologana.

Kgosi kgari a re bomme ba tshwanetse ba lebogelwa seo mme ba tlotlomadiwe ka tiro e ntle e ba e dirang.

Mohumagadi MmaTumagole o ne a lebogela bomme go ema ka dinao go itirela ka seo se ba naya bokamoso jo bo itumedisang.

O ne a tsaya sebaka seo go itumelela sekole sa Kgari Sechele se segolwane ka go tsaya maemo a boraro mo lekwalong la botlhano mme e bile sekole seo se eteletswe pele ke mme.

Mohumagadi o ne a leboga go menagane ka morafe wa Bakwena go mo direla letsatsi la matsalo le le kgatlhisang fela thata mme e bile a tlotlilwe go bo le tshwaragantswe le letsaitsi la mafatshefatshe la bomme.

Mohumagadi MmaSetsibi Gaseitsiwe wa Bangwaketse yo o neng a tsene moletlo oo o ne a gakolola bomme go ema ka dinao go itirela, go dira ka natla le go sa ineeleng mo go se ba se dirang.

A re o lebogela lerato le Bakwena ba nang le lone mo go MmaTumagole.

O ne a tlatsa ka gore o ithutile gore mme ga a felelwe ke tshepo, mme ebile fa a ole o a ema a tsamaela pele. O kopile bomme go godisa bana ba bone ka tsela e e itumedisang jaaka le bone ba godisitswe.

Mo boemong jwa ba lelwapa la bogosi mme Sarah Sechele a re seo ke tshegofatso e tona fela thata mme o leboga go menagane ka dimpho tseo.

Mme Phondy Morwaeng a re nngwe ya maikaelelo a letsatsi leo ke go direla Mohumagadi Mme MmaTumagole letsatsi la matsalo.

A re le fa letsatsi la matsalo la gagwe le Hirikgong a tlhola malatsi a le mane, ba ne ba dumelana go le pataganya le letsatsi la mafatshefatshe la bomme go mo fa tlotla e e mo tshwanetseng.

Mopalamente wa Molepolole Borwa, Rre Kabo Morwaeng a re  o leboga gore Kgosi Kgari III a bo a ba leteletse go tlotla mohumagadi wa gagwe.

A re o leboga Mohumagadi Mme MmaTumagole go tla gae go tswa dithutong tsa gagwe go tla go itumela mmogo le bone.

Rre Morwaeng a re bomme ba Bakwena ba lebaganwe ke dikgwetlho tse a di itseng mme ba tlaa di tshwaraganela go di fenya. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : Molepolole

Event : Tsatsi la bomme

Date : 10 Mar 2024