Breaking News

GoodhopeMmathethe e ribolola Sekano

05 Mar 2024

Modulasetilo wa khansele ya Good Hope/Mmathethe a re sekano sa khansele eo se sesha se supa ka fa morafe wa kgaolo o tshelang ka teng. 

Fa a buwa kwa tirong ya go ribolola sekano sa khansele bosheng, Rre Fanki Motsaathebe o tlhalositse fa sekano se supa go re kgaolo e bopilwe ka merafe e e farologaneng.

O supile fa morafe le boeteledipele jwa kgaolo ba tsere tshwetso ya go sa dirise sereto sa morafe ope ka go re kgaolo e bopilwe ka merafe e e farologaneng.

A re ba dumela fa sekano se supa le go emela dikeletso tsa morafe.

Dingwe tsa tse di mo sekanong ke tlhogo ya kgomo le dijwalo jaaka mmidi, tse di supang fa banni ba kgaolo e le balemi-barui.  

Modulasetilo o tlhalositse fa difalana tsa mabele tse di mo sekanong di supa mabeelo a thobo.

A re maitlamo a khansele ke thokgamo, morero le neelano tse a supileng fa e le tsone di kgontshitseng morafe le boeteledipele gore bo dumalane ka bongwe fela jwa pelo ka sekano morago ga therisano e e tseneletseng.

Mopalamente wa kgaolo, Rre Eric Molale a re tshimolodiso ya sekano ke sesupo sa go re jaanong bodiredi jwa khansele bo simolola go direla setshaba. 

O boleletse bodiredi jwa kgaolo go re sekano se tshwanetse go ba gwetlha go bereka ka thata, ba ise ditlamelo le mananeo kwa setshabeng a bo a gatelela mafoko a ga modulasetilo go re sekano se supa matshelo a batho ba kgaolo. 

A re se supa gape le go matlafadiwa ga kgaolo. 

Kgosi Lotlaamoreng II e ne o kaile fa sekano se supa kgaolo e le mo tseleng e e siameng le go re e ikemetse.

Moletlo oo, o ne o tsenwe ke mopalamente wa kgaolo ya Mathethe/Molapowabojang yo bontlha bongwe jwa kgaolo ya gagwe bo tlhamileng kgaolo ya Goodhope/Mmathethe  ga mmogo le Tona ya Madi, Mme Peggy Serame. ENDS

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : GOODHOPE

Event : Go ribolola sekano

Date : 05 Mar 2024