Kgosi Mongwato o tlhokafetse
04 Mar 2024
Kgosi ya ntlha ya Malatswae kwa kgaolong ya Serowe Bophirima, Kgosi Mahalapye Mongwato (96) o tlhokafetse.
Go ya ka Kgosi Opelo Disang, yo o okametseng Malatswae, Dimajwe le Mmashoro, a re Kgosi Mongwato, yo o tlhokafetseng Tlhakole a le masome mabedi le bosupa kwa Sekgoma Memorial kwa Serowe, o lwetse ka lobaka le le khutshwane.
Kgosi Disang o kaile fa Kgosi Mongwato a tlhokafala e le kgosana ya tetlanyo.
O nnile kgosi ya ntlha kwa Malatswai e le kgosi e e sekisang, ya re morago a nna kgosana e e letlanyang kwa kgotleng ya gagwe ya Mohokotso go ne kwa Malatswae.
Kgosi Mongwato o ne a nna kgosi e e sekisang go simolola ka 1988 go fitlha 1993, ya re ka 2003 go fitlha 2024 a nna kgosi e e letlanyang, tiro e a tlhokafalang a le mo go yone.
Kgosi Disang a re dikgosi tsa tetlanyo di ne di le nne kwa Malatswae mme ba le babedi ba tlhokafetse.
A re Kgosi Mongwato o ne a le dinyao, a dira dilo mo go pharologanyo a kaya fa e kile motlha mongwe a santse e le kgosi e e sekisang, ga utlwala fa a atlholetse mongwe loso, mo go neng go fetile dithata tsa maemo gagwe.
Kgosi Disang, a re o ne a mmotsa gore ke eng a ne a dira jalo, mme a araba ka gore mosekisiwa o ne a tshwenya thata ka melato e mentsi mo lekgotleng la gagwe.
Morago Kgosi Disang a re Kgosi Mongwato o ne a gakololwa ke bakwaledi le mapodise gore ga a na dithata tsa go atlholela motho loso.
Rragwemogolo, Kgosi Mongwato, Rre Gabautwane Kebanyaditswe o kaile fa Kgosi Mongwato e ne ele motho yo o bonolo.
Kgosi Mongwato o bolelwa a ne a rata kgwele ya dinao, e e morotloetsi wa setlhopha sa Malatswai.
O tlaa bolokwa Mopitlo a ferabongwe kwa Malatswae. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : Serowe
Event : Interview
Date : 04 Mar 2024