Bodiragatsi ke kgwebo - Rakgare
04 Mar 2024
Tona wa Banana, Bong Metshameko le Ngwao, Rre Tumiso Rakgare o gwetlhile badiragatsi go tlhoafalela go dira ka natla le go fetola ka fa ba dirang dilo ka teng, ka bodiragatsi e le kgwebo e e ka tlhabololang le go fetola matshelo a bone.
Tona Rakgare o buile se ka Matlhatso kwa moletlong wa mmino wa Polka kwa Tsabong, o batho ba neng ba o tshologetse go tswa dikgaolong ka go farologana mono gae le kwa mafatsheng a a mabapi.
O boletse fa moletlo oo o tshwarwa ngwaga le ngwaga fa e sa le o simolodisiwa ka 2011, ka ditlhopha di le nne go tswa kwa kgaolong eo mme mo nakong ya gompieno o setse o namile le dikgaolo tse dingwe go ralala Botswana.
Tona o ba kopile go godisa mohama wa bodiratsi ka o ka tokafatsa itsholelo ya lefatshe le go araba selelo sa letlhoko la ditiro, a tlhalosa fa ditshekatsheko di supa fa bobedi mo lekgolong, go ya kwa bosupeng e le seabe sa bodiragatsi mo kgodisong ya itsholelo lefatshe ka bophara.
Rre Rakgare o supile fa setlhogo sa monongwaga se se reng: Rhythms of Transformation – Harmonising Minds, Changing Perspective, se tsamaelana le lenaneo la ga Tautona la tlhomo ntsha la go godisa itsholelo ka seo se ka thusa go tlhama mebereko e e ka tokafatsang matshelo a Batswana go ya pele.
O supile fa dikgaisano tsa lefatshe tsa bodiragatsi ngwaga o no di tlaa simolola kwa dikgaolwaneng, di fetele kwa kgaolong go fitlha kwa makgaolakgannyeng, jaaka di ne di tshwarwa go le pele mme dithulaganyo eo ya fetolwa ka lebaka la COVID-19.
Tona o supile fa bodiragatsi bo le botlhokwa ka bo bopaganya setshaba, bokgoni le bonokopila jwa go diragatsa le go epolola ditalante tse di farologaneng, go di baya mo seemong sa bodiragatsi jwa popota, go tsosolosa ngwao, go amogelana le go lemoga motswako wa ngwao e e nonneng e bile e farologane mono gae.
O kgothaditse ditlhopha go dibela serodumo sa mmino ka go tlhoka go o senya mme gape ba sa le morago dikgato tsa babusi le ba tla pele ka go itsetsepela le go tlhomamisa gore kagiso le thitibalo tse lefatshe leno di etsiweng ka tsone di tswelela di rena.
A re lekalana la Research National Arts Council le thusitse Lekgotla la Pinagare ya sekaka ba tshwaraganye le lephata la Banana, Bong Metshameki le Ngwao ka P300 000 go tshwara moletlo wa Polka Festival mono ngwaga.
Tona Rakgare a re lephata, le tlaa sekaseka ka fa ba ka thusang ka teng go baakanya lefelo le go tshwarelwang moletlo oo kwa Tsabong, morago ga gore Kgosi Richard Toto a kope tona go thusa go le baakanya.
Morotloetsi mogolo wa moletlo wa Polka, Rre Mock Ntau go tswa kwa lekgotleng la Pinagare ya Sekaka o tlhalositse fa maikaelelo e le go oka, go somarela le go godisa dingwao tse di farologaneng kwa kgaolong eo mme gape ba ikaelela go simolodisa moletlo o mongwe o o tlaa akaretsang bodiragatsi jo bo farologaneng.
Rre Ntau yo gape e leng mokhanselara wa pele o supa fa tshwaragano le lephata la ga Tona Rakgare e le kgatelo pele ka ba tlaa kgona go tswa ka ditharabololo tse di maleba, go tlhabolola bodiragatsi kwa kgaolong eo mme a supa fa maikalelelo mo ngwageng o o tlang e le go ya go tshwarela moletlo oo kwa o tlholegang teng kwa Bokspits.
O rotloeditse ditlhopha tsa bodiragatsi tse di neng di diragatsa go kgatlha balebeledi ka e le yone tshono ya go ipapatsa le go ithekisa mo setshabeng.
Modulasetilo wa setlhopha sa mmimo wa Polka go tswa kwa Vaalhoek, Rre Amogelang Vissagie o supile fa setlhopha sa gagwe se se tlhamilweng ka 2010, se sa ntseng se itsetsepetse. Rre Vissagie o lebogetse seabe sa puso, a re go ba fa sebaka sa go dira letseno le go ipapatsa ka gantsi ba dira leteono ka manyalo le ditiro tse dingwe mo kgaolong.
A re bodiragatsi bo ba thusitse thata e le banana ka bo ba ntshitse mo mebileng le go ikgapha mo ditirong tsa botlhoka tsebe.
Mopalamente wa kgaolo ya Kgalagadi Borwa, Rre Sam Brooks o kopile Tona Rakgare go tlhabolola lefelo la sennela ruri la Polka Festiva a re maikaelelo ngwaga o o tlang ke go tshwarela moletlo oo kwa ntle ga Tsabong, go o latedisa basimolodi ba one.
Rre Brooks o supile fa a tlaa rotloetsa moletlo oo ka P50 000 ngwaga oo tlang. O kgothaditse banni go tswelela ba ikwadisetsa ditlhopho. Mongwe wa bagwebi ba ba botlana, Mme One Seoko o kaile fa moletlo oo o ba solegela molemo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : kgotla meeting
Date : 04 Mar 2024